“Jeso o ne a Kolobediwa,” Friend, Tlhakole 2021
Molaetsa wa Friend wa Kgwedi le kgwedi, Tlhakole 2021
Jeso O ne a Kolobediwa
Johane wa Mokolobetsi e ne e le moporofeti yo mogolo. O rutile batho go ikwatlhaya mme a ba kolobetsa.
Ka letsatsi lengwe Johane o ne a kolobetsa batho mo Nokeng ya Jorotane. Jeso a tla mme a kopa Johane go Mo kolobetsa. Johane o ne a itse gore Jeso o ne a sena dibe. Jalo ke eng Jeso a ne a batla go kolobediwa?
Jeso o rile O ne a tlhoka go obamela tsotlhe tsa ditaelo. Go kolobediwa ke taelo.
Morago ga Johane a sena go kolobetsa Jeso, lephoi la tla go supa gore Mowa o o Boitshepo o ne o le teng koo. Lentswe la ga Rara wa Legodimo la tswa kwa legodimong, le re, “Yo ke Morwaake yo ke mo ratang, yo Ke mo itumelelang” (Matheo3:17).
Re ka obamela ditaelo le go itshenkela go kolobediwa, jaaka Jeso. Ke gone re ka tlhomamisiwa mme ra nna le neo ya Mowa oo Boitshepo.
Tsebe ya go Taka
Ke Lebogela Mmele wa Me
© 2021 ka Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. Printed in USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya Thanolo: 6/19. Thanolo ya Molaetsa wa Friend wa Kgwedi le kgwedi, Firikgong 2021. Puo. 17464 763