2022
Pele Re Tla mo Lefatsheng
Ferikgong 2022


“Pele Re Tla mo Lefatsheng,” Melaetsa ya Friend ya Kgwedi le kgwedi, Ferikgong 2022

“Pele Re Tla mo Lefatsheng”

Melaetsa ya Friend ya Kgwedi le kgwedi, Ferikgong 2022

Pele Re Tla mo Lefatsheng

Setshwantsho
Rara wa Legodimo le Jeso Keresete mo lefatsheng la semowa pele ga botshelo

Ditshwantsho ka Apryl Stott

Pele ga re tsholwa mo lefatsheng, re nnile kwa legodimong le Rara wa Legodimo. O re rutile ka ga Togamaano ya Gagwe ya boitumelo.

Setshwantsho
Mosimane a lela, mosetsana ka kgwele ya dinao

Rara wa Legodimo o rile re tlaa tla mo lefatsheng go nna le mebele. Re tlaa ithuta le go itlhopela. Nako dingwe re tlaa dira diphoso. Re tlaa tlhoka Mmoloki.

Setshwantsho
mosetsana ka kgwele ya dinao a gomotsa mosimane yo o lelang

Mmoloki o tlaa re bontsha ka fa re tshwanetseng go tshela ka teng. Mme fa re dira ditlhopo tse di sa siamang re tlaa kgona go ikwatlhaya.

Setshwantsho
Jeso Keresete pele ga botshelo

Jeso o rile, “Ke fano, roma nna.” Rara wa Legodimo o Mo itshenketse go nna Mmoloki wa rona. Jeso o solofeditse go tla mo lefatsheng go re boloka.

Setshwantsho
Rara wa Legodimo le Jeso Keresete mo bogosing jwa selesetiale

Nka sala Jeso Keresete morago. Letsatsi lengwe Ke ka boela morago mme ka nna le Rara wa Legodimo.

Tsebe ya go Taka

Ke Ngwana wa Modimo

Setshwantsho
bana ba lebile dinaledi

Tobetsa mo setshwantshong go se laisolola.

Setshwantsho ka Apryl Stott

O utlwa jang lerato la ga Rara wa Legodimo?

Gatisa