2022
Aberahame le Sara
Tlhakole 2022


“Aberahame le Sara,” Melaetsa ya Friend ya Kgwedi le kgwedi, Tlhakole 2022

“Aberahame le Sara”

Melaetsa ya Friend ya Kgwedi le kgwedi, Tlhakole 2022

Aberahame le Sara

Setshwantsho
Aberahame le Sara mo tanteng

Ditshwantsho ka Apryl Stott

Aberahame e ne e le moperofeti. Modimo o dirile kgolagano le Aberahame le mosadi wa gagwe, Sara.

Setshwantsho
Aberahame le Sara ba lebega ba hutsafetse

Modimo o solofeditse go ba segofatsa. O ba boleletse gore ba tlaa nna le bana. Aberahame le Sara ba solofeditse go sala Modimo morago.

Setshwantsho
Aberahame le Sara

Aberahame le Sara ba tshegeditse tsholofetso ya bone. Mme ba ne ba sena bana lobaka lo le leele. Ba nna ba tsofalela pele.

Setshwantsho
Aberahame le Sara le ngwana Isake

Kwa bofelong, fa Aberahame a le 100 mme Sara a le 90 ba nna le ngwana wa mosimane. Ba mmitsa Isake. Ba ne ba itse gore Modimo o ne a ba segofaditse.

Setshwantsho
ngwana a jwala dipeo

Ke ka ikanya Modimo. Nako dingwe ditshegofatso ga di tle ka yone nako eo. Mme Modimo ka metlha o tshegetsa ditsholofetso tsa Gagwe.

Tsebe ya go Taka

Ke Ka Ikanya Modimo

Setshwantsho
ngwana a rapela

Tobetsa mo setshwantshong go se daulouda.

Setshwantsho ka Apryl Stott

Rara wa Legodimo o go thusitse jang fa o ne o tshogile kgotsa o hutsafetse?

Gatisa