2022
Ruthe le Naomi
Seetebosigo 2022


“Ruthe le Naomi,” Melaetsa ya Friend ya Kgwedi le kgwedi, Seetebosigo 2022

“Ruthe and Naomi”

Melaetsa ya Friend ya Kgwedi le kgwedi, Seetebosigo 2022

Ruthe le Naomi

Setshwantsho
Ruthe a nyalana, le lelwapa la ga Naomi

Ditshwantsho ka Apryl Stott

Naomi le lelwapa la gagwe ba ya kwa lefatsheng le lešha ka ntlha ya leuba. Ba kopana le lekgarejwana le le bidiwang Ruthe. Ruthe a nyalana le morwa wa ga Naomi.

Setshwantsho
Ruthe le monna yo o swang

Ke gone monna wa ga Ruthe a swa. Ruthe o ne a hutsafetse thata.

Setshwantsho
Naomi

Naomi le ene o ne a hutsafetse thata. O ne a sena lelwapa lepe le le setseng go mo tlhokomela. O ne a swetsa go boela morago kwa lefatsheng le a duleng kwa go lone.

Setshwantsho
Naomi le Ruthe

Naomi a bolelela Ruthe gore a boele kwa lelwapeng la gagwe. Mme Ruthe o ne a rata Naomi. A solofetsa go tsamaya le Naomi le go mo tlhokomela.

Setshwantsho
Ruthe a ronopa

Ruthe le Naomi ba ne ba humanegile. Ka jalo Ruthe a dira ka thata go bona dijo tsa bone.

Setshwantsho
Boase le Ruthe mo tshimong

Letsatsi lengwe monna yo o bidiwang Boase a bona Ruthe a sela masalela a mabele mo nngweng ya ditshimo tsa gagwe.

Setshwantsho
Boase le batlhanka

Boase o ne a le pelonomi. A bolelela badiri ba gagwe go tlogelela Ruthe dijo tse dingwe.

Setshwantsho
Ruthe, Boase, le Naomi, le ngwana

Kgabagare Ruthe le Boase ba nyalana. Ba nna le ngwana wa mosimane. Naomi a thusa go mo tlhokomela.

Setshwantsho
lelwapa le tshola dijo

Ke ka tlhokomela ba bangwe. Ke ka nna pelonomi mo go bao ba ba tlhokang.

Tsebe ya go Taka

Ke Ka Tlhokomela ba Bangwe

Setshwantsho
bana le rraabonemogolo

Tobetsa mo setshwantshong go se laisolola.

Setshwantsho ka Apryl Stott

O ka thusa mang?

Gatisa