2022
Elija le Lentswe le le Sesane, le le Kokobetseng
Phukwi 2022


“Elija le Lentswe le le Sesane, le le Kokobetseng,” Melaetsa ya Friend ya Kgwedi le kgwedi, Phukwi 2022

“Elija le Lentswe le le Sesane, le le Kokobetseng”

Melaetsa ya Friend ya Kgwedi le kgwedi, Phukwi 2022

Elija le Lentswe le le Sesane, le le Kokobetseng

Setshwantsho
Elija fa thabeng

Ditshwantsho ka Apryl Stott

Elija e ne e le moperofeti. O ne a batla go utlwa lentswe la Modimo. O ne a ya kwa thabeng go utlwa lentswe la Modimo botoka.

Setshwantsho
Elija a bona phefo tse di thata

Go ne go na le phefo e e thata. E ne e le thata mo e leng gore e ne e thubaganyana mafika. Phefo e ne e le modumo. Mme e ne e se lentswe la Modimo.

Setshwantsho
Elija a bona thoromo ya lefatshe le molelo

Kgabagare ga nna thoromo ya lefatshe. Lefatshe la roroma. Go ne go na le molelo le gone. O ne o na le dikgabo tse ditona. Mme thoromo ya lefatshe le molelo e ne e se lentswe la Modimo.

Setshwantsho
Elija a utlwa lentswe le le Sesane, le le kokobetseng

Ke gone ga nna le tidimalo. Elija a utlwa lentswe la Modimo. Le ne le kokobetse le le lesesane. Mme le ne le utlwala.

Setshwantsho
batho kwa kerekeng

Ke ka utlwa lentswe la Modimo ka go reetsa Mowa o o Boitshepo. O bua le nna ka ditsela tse ditshesane tse di motlhofo.

Tsebe ya go Taka

Ke Ka Utlwa Mowa o o Boitshepo

Setshwantsho
bana ba opela difela

Tobetsa mo setshwantshong go se laisolola.

Setshwantsho ka Apryl Stott

Ke eng se se go thusang go utlwa Mowa o o Boitshepo?

Gatisa