2022
Isaia o Ruta ka ga Jeso Keresete
Lwetse 2022


“Isaia o Ruta ka ga Jeso Keresete,” Melaetsa ya Friend ya Kgwedi le kgwedi, Lwetse 2022

“Isaia o Ruta Ka ga Jeso Keresete”

Melaetsa ya Friend ya Kgwedi le kgwedi, Lwetse 2022

Isaia o Ruta ka ga Jeso Keresete

Setshwantsho
Isaia a kwala

Ditshwantsho ka Apryl Stott

Isaia e ne e le moporofeti. O tshedile pele ga Jeso Keresete a tsholwa. Mme o ne a itse gore Jeso o tlaa tla.

Setshwantsho
Isaia a bua

Isaia o ne a re Jeso o tlaa tsholwa jaaka Morwa wa Modimo. Jeso o tlaa thusa le go fodisa ba bangwe.

Setshwantsho
Josefa, Marea, le ngwana Jeso

Isaia le gone o ne a re Jeso o tlaa tla mo lefatsheng. O tlaa bidiwa Kgosana ya Kagiso. O tlaa neela botshelo jwa Gagwe ka ntlha ya rona gonne O re rata thata.

Setshwantsho
Jeso Keresete yo o tsogileng mo baswing

Dilo tse Isaia a di rutileng di ne tsa diragala. Morago ga dingwaga tse dintsi, Jeso a tla mo lefatsheng. O re bontshitse tsela. A swa mme a tshela gape. O a tshela gompieno!

Setshwantsho
mme a balela bana ka ga Jeso Keresete

Ke ka ithuta ka Jeso Keresete. Fa ke gakologelwa se A se ntiretseng, Nka utlwa kagiso le tsholofelo!

Tsebe ya go Taka

Ke ka Ithuta ka ga Jeso Keresete

Setshwantsho
Jeso Keresete a khubame go bua le mosadi

Tobetsa mo setshwantshong go se laisolola.

Setshwantsho ka Apryl Stott

Ke efe polelo e o e ratang thata ka ga Jeso?

Gatisa