Tsala
Makawana a batlhabani
Phatwe 2024


“Makawana a Batlhabani” Friend, Phatwe 2024, 26-27

Melaetsa ya Friend ya Kgwedi le kgwedi, Phatwe 2024

Makawana a batlhabani

Setshwantsho
Batho ba katela dibetsa tsa bone mo mosimeng

Ditshwantsho ka Andrew Bosley

Batho ba Amone le bo morwarraagwe ba neng ba ba ruta ba ne ba batla go sala morago Jeso Keresete. Ba ne ba katela dibetsa tsa bone a bo ba solofetsa Modimo gore ga ba kitla ba lwa gape.

Setshwantsho
Setlhopha sa makawana se atumela ntlo e fa go yone bagolo ba buang

Mme gone foo ka pela ba ne ba tlhoka go babalela malwapa a bone. Borraabone ba ba neng ba katetse dibetsa ba ne ba sa batle go roba tsholofetsong e ba neng ba e dirile le Modimo. Jaanong bana ba bone ba ne ba ipaakanyetsa go ya go lwa boemong jwa bone. Ba ne ba bidiwa makawana a batlhabani a a dikete tse pedi Makawana go raya “botlana.”

Setshwantsho
Lekawana le rapela le mmaagwe fa makawana ba bangwe ba thotha dibetsa tsa bone.

Makawana a batlhabani ba ne ba iseba lwe mo ntweng go le pele. Mme bommaabone ba ne ba ba thusitse go ipaakanya a bo ba ba ruta go ikanya Modimo.

Setshwantsho
Hilamene o eteletse pele makawana a batlhabani; lekawana le lengwe le thusa lekawana le le golagetseng go tsamaya

Ba tlhophile Hilamene gore e nne moeteledipele wa bone. Ba pelokgale, gape Modimo o ba thusitse. Botlhe ba ne ba golagetse, mme ba ne ba thusana. Modimo o ne a tlotlomatsa tumelo ya bone, jalo botlhe ba ne ba tshela!

Tsebe ya go Taka

Dibuka tse di boitshepho di ka nthusa ka dinako tsotlhe

Setshwantsho
Tsebe ya go taka ya Buka ya ga Momone ditshwantsho di tswa mo ditsebeng tsa buka e e butsweng

Setshwantsho ka Adam Koford

Ke polelo e fe ya buka e e boitshepo e o e ratang?

Gatisa