2022
Ke Tsa me mme Ke a Di Itse
Ferikgong 2022


“Ke Tsa me mme Ke a Di Itse,” Go Nonofo Ya Banana, Ferikgong. 2022

Molaetsa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Ferikgong 2022

“Ke Tsa me mme Ke a Di Itse”

Moshe 1

Setshwantsho
mosetsanyana mo bontsing

Senepe go tswa mo Ditshwantshong tsa Getty

A o kile wa ikutlwa o nyatsegile? O ka tswa o kile wa ikutlwa ka mokgwa o fa o akanya ka gore go na le batho ba le kae mo lefatsheng kgotsa wa lebelela gore go na le dinaledi di le kae mo loaping. A o kile wa ipotsa fa tota Modimo a itse gore o mang le gore botshelo jwa gago bo ntse jang? Fa gole jalo, ke gone Moshe o go tsholetse molaetsa.

Mo ponatshegelong, Modimo o ne a bontsha Moshe mafelo otlhe a lefatshe le batho botlhe ba ba tlaa tshelang koo. Ba ne ba “sena palo jaaka moshawa mo dintshing tsa lewatle” (Moshe 1:28). Modimo ke gone a bolelela Moshe gore O dirile “mafatshe a a senang palo” (Moshe 1:33)—gore dipopo tsa Gagwe di fitlha kgakala le lefatshe le.

Moshe kooteng ne a ikutlwa a feketsegile fa a bona dilo tse tsotlhe. Gongwe o ne a ipotsa: Ke tsena jang mo gare ga dipopo tse dintsi jaana? Mme Modimo o ka kgona jang go sala morago dilo tse dintsi jaana?

Karabo ya Modimo e ne e le motlhofo: “Dilo tsotlhe di badilwe mo go nna.” Jang? “Ke Tsa me mme Ke a di itse,” (Moshe 1:35). Modimo o ne a itse gore Moshe ke mang, fela jaaka A itse bana botlhe ba Gagwe, le dipopo tsotlhe tsa Gagwe. Tsotlhe ke tsa Gagwe—dinaledi, motlhaba, bogolo jang bana ba Gagwe mo lefatsheng. Ke tsone lebaka lotlhe la gore A ba a dirile lefatshe. Poloko ya tsone ya bosakhutleng ke tiro e e botlhokwa ya Modimo.

“Gonne bonang, se ke tiro ya me le kgalalelo ya me—go diragatsa bosasweng le botshelo jo bosakhutleng jwa motho” (Moshe 1:39).

Fela jaaka Moshe a ithutile gore o tsena fa kae mo togamaanong ya Modimo, le wena o ka netefaletswa gore Modimo wa go itse! Go go thusa go boela kwa go Ene ke tiro le kgalalelo ya Gagwe. Ka Goreng? Ka gore o wa Gagwe. Mme ga go na se se nyatsegileng ka ga seo!

Gatisa