2022
Se lete! Nna jaaka Badisa
Sedimonthole 2022


“Se lete! Nna jaaka Badisa,” Go Nonofo ya Banana, Sedimonthole. 2022.

Molaetsa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Sedimonthole 2022

Luke 2: 8–20

Se lete! Nna jaaka Badisa

Setshwantsho
badisa

Mo bosigong jwa tidimalo bogologolo, badisa ba ne badisitse letsomane la bone ka boitshoko.

Setshwantsho
dinku

Badisa ba ne ba na le tiro e botlhokwa. Dinku di ne di tlhoka dijo, metsi, le tshireletso mo diphatseng.

Setshwantsho
moengele

Ka ponyo ya leitlho, moengele a bonala!

“Se boifeng, gonne bonang, ke le tlisetsa mafoko a a molemo a boitumelo jo bogolo. … Gonne lo tsholetswe gompieno … Mmoloki, yo e leng Morena Keresete.”

Setshwantsho
moengele

Moengele o ne a bolelela badisa gore ba tlaa fitlhela ngwana a phuthilwe ka matsela, a robaditswe mo bojelong jwa dipitse mo Bethelehema.

Setshwantsho
khwaere ya baengele

Khwaere ya baengele ya tlatsa loapi mme ba ikgolaganya le baengele mo go bakeng Modimo.

“Kgalalelo e nne go Modimo kwa bogodimodimo, le kagiso e nne mo lefatsheng, thato e ntle mo bathong.”

Setshwantsho
badisa

“A reye kwa Bethelehema mme re bone se Morena a se re itsesitseng.”

Setshwantsho
Badisa ba sala naledi morago

Badisa ba seka ba leta. Se se ne se le botlhokwa thata! Ba “tla ka bonako” kwa Bethelehema.

Setshwantsho
Badisa kwa bojelong jwa dipitse

Badisa ba fitlhela Jeso a phuthilwe ka matsela, a robaditswe mo bojelo jwa dipitse, jaaka baengele ba boletse.

Setshwantsho
ngwana Jeso

E ne e le Mesia yo o solofeditsweng yo o tlileng go nna Mmoloki le Morekolodi wa lefatshe le go re tlisetsa boitumelo jwa boammaaruri!

Setshwantsho
badisa

Badisa ba ne ba itumetse! Ba ne ba abelana se ba se utlwileng le go se bona.

“Mmoloki wa lefatshe o tshotswe!”

“Mesia kwa bofelong o tlile!”

Setshwantsho
lekawana le bala dikwalo tse di boitshepo

Badisa “ba tla ka bonako”kwa go Jeso. Le wena o ka tla!

O ka ithuta ka ga Gagwe.

Setshwantsho
lekawana le kgaola motlho

O ka Mo direla ka go direla ba bangwe.

Setshwantsho
Lekgarejwana le abelana Buka ya ga Momone le lekawana

O ka paka ka Ene.

Gatisa