2023
Ditsela tse 4 tse Jeso Keresete a Go Thatafatsang ka tsone
Firikgong 2023


“Ditsela tse Jeso Keresete a Go Thatafatsang ka tsone,” Go Nonofo ya Banana, Ferikgong. 2023.

Molaetsa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Firikgong 2023

Ditsela tse 4 tse Jeso Keresete a Go Thatafatsang ka tsone

Nka dira dilo tsotlhe ka Keresete.
Bafilipi 4:13

Setshwantsho
sefikantswe

Go ya ka lefatshe lotlhe, Bakeresete ba itumela mo lekwalong le le le boitshepo: “Nka dira dilo tsotlhe ka Keresete tse di nthatafatsang” (Bafilipi 4:13).

Fa batho ba utlwa se, bangwe ba bone ba ka akanya gore go raya gore ba ka fenya teko nngwe le nngwe, ba fenya motshameko mongwe le mongwe, le keletso nngwe le nngwe go nna boammaaruri. Mme seo ga se se lokwalo le le le boitshepo le se rutang.

Le kwadilwe ke Moaposetolo Paulo fa a ne a le mo kgologelong. Jaaka mogolegwa, go ne go le gontsi go Paulo a neng a ka se go dire, mme o ne a itse gore Jeso Keresete o ka mo thatafatsa go dira se se botlhokwa thata.

Go ntse jalo le mo go wena!

1 Keresete o go Thatafaletsa go Itse

Jeso Keresete o go nneetse ditsela tse dintsi tse di botlhokwa tse o ka itseng se e leng boammaaruri. O re rutile rotlhe go rapela ka metlha (bona 3 Nefi 18:18) le go lopa go itse se e leng boammaaruri (bona Moroni 10:4–5). O ka bona le gone go itse se e leng boammaaruri ka go ithutuntsha ga gago ga dikwalo tse di boitshepo.

Thapelo le go ithutuntsha dikwalo tse di boitshepo go tlisa Mowa mo botshelong jwa gago. Mowa o ka bua mo “mogopolong wa gago … mo pelong ya gago” (Dithuto le Dikgolagano 8:2), “tlatsa mowa wa gago ka boitumelo,” le go “sedifatsa tlhaloganyo ya gago” (Dithuto le di Dikgolagano 11:13).

Ka ditsela tse, o ka “Mo Utlwa”—utlwa lefoko la Mmoloki mme o sale morago se A se buileng. Presidente Russell M. Nelson o rutile gore se ke “mokgwa wa katlego, boitumelo le boipelo mo botshelong jo.”1

2 Keresete o Go Thatafaletsa go Dira

Thata e tla mo go wena jaaka o leka go tshegetsa ditaelo le go dira boikgethelo jo bo molemo jo bo go gogelang kwa kagisong le boitumelo. Jeso Keresete o go thatafaletsa go dira se le fa boikgethelo jo bo le thata go bo dira. Dinako dingwe o ka dira boikgethelo jo bo sa siamang. Ka letlhogonolo, Tetlanyo ya Mmoloki e dira gore boikotlhao bo kgonege. Ka ntlha ya ga Jeso Keresete, o ka ntlafala mme wa bona boipelo. O ka go thatafaletsa go “dira botoka le go nna botoka”2 letsatsi lengwe le lengwe.

3 Keresete o Go Thatafaletsa go Fenya

Fa a le mo kgolegelong, Paulo o ne a kwala: “Ke ithutile gore, le fa e le seemo sefe se ke mo go sone, ke itumele fela mo go sone.

“ Ke a itse gotlhe go ikokobediwa, le go itse go atlega: gongwe le gongwe le mo dilong tsotlhe tse ke di laelwang” (Bafilipi 4:11–12).

Ka mafoko a mangwe, Paulo o ithutile gore, ka Keresete, o ka fenya le go ithuta go tswa mo ditekong tsa gagwe le dikgwetlho. Jeso Keresete o ka go thatafaletsa go dira sone seo.

Mmoloki o bogile “ditlhabi le dipogisego le dithaelo tsa mefuta yotlhe.” A amogela mo go Ene makoa a rona gore “o ka itse … ka fa a ka thusang [se se rayang go thusa] batho ba gagwe go yeng ka makoa a bone” (Alema 7:11–12). Ga go re sepe gore o lebagana le eng, Jeso Keresete o ka go thatafaletsa go itshoka le go dira dilo tse o ne o ka se kgone go di dira ka bowena.

4 Keresete o Go Thatafatsa go Nna

Jeso Keresete, o dirile tsogo boammaaruri go rona rotlhe, mme O dira gore botshelo jo bosakhutleng bo kgonege mo go bao ba ba ikwatlhayang, ba amogela ditao tse di botlhokwa, le go dira le go tshegetsa dikgolagano tse di amanang le tsone. Kwantle ga ga Keresete, re ne re ka se dire se Rara wa Legodimo a re se batlelang thata—go nna thata jaaka Ene le Morwa wa Gagwe, Jeso Keresete, le go nna le Bone ka bosakhutleng.

Setshwantsho
Jeso Keresete

O ka nna thata jaaka Jeso Keresete jaaka o ithuta ka Ene, o ikaega ka Ene le go mo tshepa, o sala morago sekao sa Gagwe. Se se tlaa go gogela go tshela ka tumelo e ntsi, tsholofelo, lorato, bopelotelele, boikobo, boitsheko, le kobamelo. Tse ke mekgwa yotlhe ya Mmoloki.

Jaaka o leka go sala Jeso Keresete morago, O tla nna tsholofelo ya gago le lesedi la gago le le tlaa go kaelang go nna sotlhe se A itseng o ka nna sone. Mme, jaaka Paulo, o tla kgona gore, “Nka dira dilo tsotlhe ka Keresete yo o nthatafatsang.”

Dintlha

  1. Russell M. Nelson, “Hear Him,” Moranang. 2020 khonforense ya kakaretso (Ensign kgotsa Liahona, Motsheganong 2020, 89).

  2. Bona Russell M. Nelson, “We Can Do Better and Be Better,” Moranang. 2019 khonferense ya kakaretso (Ensign kgotsa Liahona, Motsheganong. 2019, 67).

Gatisa