2023
Tlaya kwa go Ene
Mopitlo 2023


“Tlaya kwa go Ene,” Go Nonofo ya Banana, Mopitlo. 2023.

Molaetsa wa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Mopitlo 2023

Tlaya kwa go Ene

Mmoloki o re laletsa go baya merwalo ya rona mo go Ene.

Setshwantsho
Jeso Keresete

Setshwantsho ka Annie Henrie Nader

Tlaya kwa go Nna

Re ka tla kwa go Mmoloki ka go ithuta efangele ya Gagwe, go nna le tumelo mo go Ene, go ikwatlhaya, go dira le go tshegetsa dikgolagano, le go sala sekai sa Gagwe morago.

go dira … morwalo o o bokete

Tiro tsa nama le merwalo ya nama e ka re koafatsa, fela ka jalo tsa tlhaloganyo, maikutlo, le tsa semowa. Mmoloki o re naya kagiso ya Gagwe, go sa re sepe merwalo e re ka tswang re e rwele.

jokwe

Jokwe ke sedirisiwa go golega diphologolo tse pedi mmogo gore di ka goga morwalo mmogo, di lekalekanya bokete, jaaka mogoma kgotsa kara. Jokwe ka gale ke leballo la legong le le pegwang mo magetleng a phologolo nngwe le nngwe, go goga bokete mo go lekanang.

ithute

Re ka ithuta mo go Jeso keresete ka go ithutuntsha dithuto tsa Gagwe le sekai sa Gagwe—le ka go leka go di sala morago.

boikhutso

Boikhutso jwa Mmoloki ke kagiso ya Gagwe, e e didimatsang ditlhaloganyo tsa rona le mewa. O re thusa go fenya matshwenyego a lefatshe mme o re neela nonofo ya semowa fa re ikutlwa re le bokoa.

motlhofo … o se bokete

Go itseela jokwe ya Mmoloki mo go rona go raya go itlama mo go Ene ka dikgolagano. Go raya go neela dipelo tsa rona mo go Ene le tiro ya Gagwe. Fa re dira se, merwalo ya rona e utlwala e le motlhofo ka ntlha ya gore Wa re thusa.

Gatisa