2023
Gethesemane
Seetebosigo 2023


“Gethesemane,” Go Nonofo ya Banana, Moranang. 2023.

Mafelo go tswa mo Dikwalong tse di Boitshepo

Gethesemane

Ithute thata ka ga lefelo le dipogisego tsa Mmoloki mo boemong jwa rona di simologileng teng.

Setshwantsho
sekgwa sa motlhware

Se Kwa Kae?

Mo mokgokologeng wa Thaba ya Motlhware, mo botlhaba jwa Jerusalema (mo mojeng mo setshwantshong, se se tshwailweng ka setlhare se se tona).

Setshwantsho
mmepe wa bogologolo wa Jerusalema

Setshwantsho sa mmepe wa Jerusalema ka Jim Madsen

Go ne Gona le eng Koo?

Sekgwa sa ditlhare tsa motlhware mme gongwe tshilo ya go tlhotlha leokwane mo motlhwareng.

Setshwantsho
tshilo ya motlhware

Go Diragetseng Fa?

Morago ga Selalelo sa Bofelo, Jeso Keresete o ne a tsamaya le Baaposetole ba Gagwe ba ba lesome le motso go ya kwa Gethesemane. Ke gone a fapoga go ya go rapela mme a tsaya Petere, Jakobe, le Johane.

A “simolola go tseana mo go botlhoko, mme a imelwa.” A re, “Mowa wa me o hutsafetse mo go golo go ya losong” (Mareko 14:33–34).

A rapela, “Rara, fa e le go rata ga gago, tlosa senwelo se mo go nna: le fa gontse jalo e seng go rata ga me, mme ga gago, a go dirafale.

“Mme koo ga bonala moengele mo go ene go tswa kwa legodimong, a mo nonotsha.

“Mme a le mo khutsafalong a rapela ka tlhoafalo: mme mofufutso wa gagwe wa nna jaaka marothodi a magolo a madi a rothela fa fatshe” (Luke 22:42–44).

Mme morago ga go boga mo go tseneletseng mo ke Mmoloki, o ne a raelwa ke Jutase le go tshwarwa ke ofisara tsa ba Juta le setlhopha sa masole a Baroma.

Setshwantsho
Jeso Keresete mo Gethesemane

Gethesemane, ka Michael Malm

Dintlha

  1. Kaelo ya Dikwalo tse di Boitshepo, “Gethsemane.”

  2. Bona D. Todd Christofferson, Oct. 2016 general conference (Ensign kgotsa Liahona, Ngwanaatsele. 2016, 50).

Gatisa