2023
Malatsi a Supa a go Abelana
Phukwi 2023


“Malatsi a Supa a go Abelana,” Go Nonofo ya Banana, Phukwi 2023.

Molaetsa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Phukwi 2023

Malatsi aSupa a go Abelana

O ka abelana efangele mo go tlwaelesegileng le ka ditsela tsa tlholego. A o ipaakanyeditse monyetla?

Fa re bua ka go abelana bopaki jwa rona, gantsi re akanya go fa bopaki mo diphuthegong tsa sakaramente kgotsa diphuthegong tse dingwe tse di fapegileng. Mme re kgothadiwa go “batla ditshono tsa go tlisa tumelo ya gago mo go tlwaelesegileng le ka ditsela tsa tlholego.”1

Mo monyetleng o o fa tlase wa malatsi a supa, o ka abelana bopaki jwa gago ka tsela e e farologanyeng letsatsi le letsatsi mo bekeng. O ka dira dilo tse mo thulaganyong nngwe le nngwe, kgotsa le gone o ka tla ka megopolo ya gago! A o ipaakanyeditse monyetla?

Setshwantsho
ntlo ya kopanelo

Ditshwantsho ka Emily Davis

Letsatsi 1: Kereke

Akanya ka go fa bopaki jwa gago mo kopanong ya go ikitsa dijo le bopaki mo kerekeng fa e le selo se o phuthologileng go se dira. Fa go sa nna jalo, o ka abelana le gone bopaki jwa gago mo kerekeng ka go tsaya karolo mo dithutong tsaletsatsi la Tshipi le ka seminari. Megopolo e o e abelanang koo e ka kgothatsa ba bangwe le go nonotsha bopaki jwa bone le jwa gago.

Setshwantsho
ditsala

Letsatsi 2: Ditsala

O ithutile eng kwa kerekeng ka letsatsi la Tshipi? A o ratile se mongwe a se abelaneng mo molaetseng wa bokopano jwa sakaramente kgotsa mo dithutopuisanong tsa tlelase Gongwe pina e e bulang e ne e le sefela se o se ratang thata. Bolelela tsala ka yone! Go tswa foo o ba botse ka mafelo a bone a beke.

Setshwantsho
Mogala o o nang le metswedi ya dikgang

Letsatsi 3: Metswedi ya Dikgang

Metswedi ya dikgang ke lefelo le legolo go abelana dilo tsa semowa mo go tlwaelesegileng le ka tlholego. Mo letsatsing le la monyetla, akanya ka go abelana ka se:

  • Nngwe ya ditemana ya dikwalo tse di boitshepo e o e ratang.

  • Nankolo e e kgothatsang go tswa khonforenseng ya kakaretso.

  • Kakanyo ya semowa kgotsa maitemogelo.

  • Sengwe se o se ratang kgotsa o se itumelelang ka Mmoloki.

  • Tsela e A go thusitseng ka yone bosheng kgotsa boleng jo o bo kgatlhegelang mo go Ene le gore ke go reng.

Setshwantsho
mogala wa letheka o o nang le setshwantsho sa motshikinyego le mokwalo

Letsatsi 4: Mokwalo kgotsa Setshwantsho sa motshikinyego

Romelela tsala molaetsa wa kgothatso ka mokwalo kgotsa setshwantsho sa motshikinyego. O ka abelana molaetsa wa khonforense o o akanyang gore ba ka o rata, ba bolelele sengwe se o se itumelelang ka ga bone, kgotsa o abelane ka ga tumelo ya gago mo go Jeso Keresete. Ka sekai, ba ka tswa ba tlhoka go itse ka lorato la ga Rara wa Legodimo go bone. O ka ba bolelela ka bowena ka namana!

Setshwantsho
Mosetsanyana ka baluni ya setshwantsho sa pelo

Letsatsi 5: Tirelo

O ka ipotsa ka fa go direleng ba bangwe e ka nnang tsela ya go abelana bopaki jwa gago. Moaposetole Paulo a bolelela Timotheo, “Nna sekai sa badumedi, ka mafoko, mo puisanyong, mo loratong, mo moweng, mo tumelong, mo boitshekong” (1 Timotheo 4:12). Ka jalo o ka supa tumelo ya gago ka sekao sa gago, ka go direla ba bangwe jaaka Mmoloki a ka ba direla.

Setshwantsho
botaki bo a diragadiwa

Letsatsi 6: Bodiragatsi

Nako tse dingwe batho ba dirisa bodiragatsi jaaka tsela e e nngwe ya go abelana dikakanyo tsa bone le maikutlo. O ka dirisa botaki, go betla, leboko, moopelo, kgotsa mofuta mongwe le mongwe wa bodiragatsi go abelana ka fa o ikutlwang ka teng ka ga Jeso Keresete le efangele ya Gagwe.

Setshwantsho
banana ba bua

Letsatsi 7: Puisanyo tse di iketlileng

O seka wa tshaba go bua ka tumelo ya gago mo diemong tse di iketlileng, fela jaaka o ka abelana dikakanyo dingwe le dingwe tse o nang le le tsone ka setlhogo sepe fela.

O ka, le gone, wa bua ka tirelo tsa Kereke kgotsa dikwalo tse di boitshepo tse o di badileng bosheng, mme le gone go ka nna mo go iketlileng go feta moo. Ka sekai:

  • Fa o ikutlwa o tlhotlhelediwa ke tlholego, supa go itumela ga gago go lebopo la Modimo go mongwe o sele.

  • Gongwe o nnile le maitemogelo a a molemo a semowa mo bosheng. Bolelela tsala ka one fa e se a a leng bo wena thata.

  • Batla tshwantshiso ya efangele mo bukeng kgotsa setshwantsho sa motshikinyego se o se ratang, mme abelana megopolo ya gago.

Se se Tlwaelesegileng le sa Tlholego

Jaaka fa o batla ditsela tse di farologaneng go abelana tumelo ya gago, go tlaa nna go ntse go nna motlhofo go dira jalo. Oka se phuthologe lantlha, mme go siame! Gakologelwa, bopaki jwa gago ka bo jone bo setse bo tlwaelesegile mo go wena—ke karolo ya se o leng sone. Go bo abelana go ka nna mo go tlwaelesegileng le gone. Go tsaya fela go abelana ka gangwe letsatsi le letsatsi

O tlaa abelana jang bopaki jwa gago gompieno?

Ntlha

  1. Dieter F. Uchtdorf, “Apr. 2019 general conference” (Ensign kgotsa Liahona, Motsheganong 2019, 17).

Gatisa