2023
Jaanong Keserete O Tsogile
Lwetse 2023


“Jaanong Keserete O Tsogile,” Go Nonofo ya Banana, Lwetse. 2023.

Molaetsa wa Go Nonofo Ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Lwetse 2023

Jaanong Keserete O Tsogile

Ithute ka se Moaposetolo Paulo a se rutileng ka Tsogo ya ga Jeso Keresete

Setshwantsho
Jeso Keresete yo o tsogileng

The Resurrected Christ, ka Wilson J. Ong

jaanong Keserete o tsogile mo baswing

Jeso Keresetse o ne a swela mo sefapaanong, a fitlhwa mo phuphung, mme a tsoga mo baswing ka letsatsi la boraro.

lebutswapele la bao ba ba robetseng

Lefoko la Segerika le le dirisitsweng fa la mabutswapele le kaya thobo ya ntlha ya ngwaga. Ke yone ya ntlha go rojwa-ya ntlha mo go tse dintsi tse di tlaa tlang.

Seele se se reng bao ba ba robetseng se kaya “bao ba ba suleng.”

Jeso Keresete e ne e le ene wa ntlha go tsosiwa, mme morago ga Tsogo ya Gagwe, batho botlhe ba tlaa tsosiwa.

loso le tsile ka motho

Se se bua ka Atame. Go wa ga gagwe go ne go raya gore batho botlhe ba ba tlaa tlang mo lefatsheng ba tlaa swa. (Bona Moshe 4.)

mo go Keresete botlhe ba tlaa tshedisiwa

Ka ntlha ya Tsogo ya ga Jeso Keresete, batho botlhe ba tlaa tsosiwa. Seo se raya gore mongwe le mongwe yo o kileng a tshela kana yo o tlaa tshelang o tlaa tsosiwa. Mewa ya rona e tlaa kopana gape le mebele ya rona, mme mebele ya rona e tlaa nna boitekanelo le bosasweng. (Bona Alema 11:43–45.)

Gatisa