Go Nonofo ya Banana
Ke Morutwana wa ga Jeso Keresete
Firikgong 2024


“Ke Morutwana wa ga Jeso Keresete,” Go Nonofo Ya Banana, Firi. 2024.

Molaetsa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Firikgong 2024

Ke Morutwana wa ga Jeso Keresete

O ka sala Mmoloki morago le go phatlalatsa lefoko la Gagwe go ba bangwe.

Setshwantsho
Sekano sa Setlhogo sa Banana sa 2024

Ga o ise o ipotse gore ka goreng, morago ga go fodisa batho, Jeso a ne a bolelela bangwe ba bone go sa bolelela ope (bona Mareko 7:36)? Lebaka lengwe e ka tswa e le mofuta wa balatedi ba A neng a ba tlhoka. O ka akanya gore fa batho ba ne ba buile ka gofola ga bone e ka bo e nnile tsela e molemo ya ga Jeso go ngoka balatedi. Le fa gontse jalo, Jeso o ne a sa tlhoke balatedi fela. O ne a tlhoka barutwana.

Jeso o ne a re go Petere le Anderea, “Ntshalang morago” (Mathaio 4:19). Thanolo ya ga Joseph Smith ya temana e e balega jaana, “Ke ene yo o baperofeti ba kwadileng ka ga ene; ntshalang morago” (Thanolo ya ga Joseph Smith, Mathaio 4:18 [mo Mathaio 4:19, mokwalo o o kwa bofelong jwa tsebe a]). Taletso e ne e se go nna le Ene ka nakwana. O ne a batla gore ba nne barutwana ba Gagwe ka bosenang bokhutlo.

O ne a sa batle fela ba mo lebelele a ruta batho, a rata batho, le go dira dikgakgamatso. O ne a batla ba dira mo go tshwanang. O ne a batla tiro ya Gagwe e nna tiro ya bone. Go ikgethela Keresete go ne go raya gore ba tlaa ithuta go direla jaaka A diretse le go akanya jaaka A akantse. Ba tlaa diragatsa go tshela jaaka a tshedile, mme o tlaa ba ruta le go ba neela thuso e ba e tlhokang go nna jaaka a Ene.

Setshwantsho
Jeso Keresete

Lefoko la barutwana la Segerika ke mathetes. Le raya go feta molatedi kgotsa moithuti. Gantsi le ranolwa jaaka mothusi. Mo malatsing a ga Keresete, barutwana ka tlwaelo ba ne ba ikgethela beng bao mo go bone ba neng ba batla go ithuta ka leitlho la go nna beng ka bo bone. Keresete o ne a sa sale morago tiragatso e ya tlwaelo . O ne a e fetola mme a batla barutwana ba Gagwe le fa gontse jalo. Gompieno, Keresete o re biletsa go tla kwa go Ene. O re biletsa go nna barutwana ba gagwe le go bolela lefoko la Gagwe mo gare ga batho ba Gagwe gore ba ka nna le botshelo jo bosakhutleng (bona 3 Nefi 5:13).

Mongwe wa makgarebe go tswa kwa Haiti kwa Karabea a supa keletso ya go nna morutwana wa ga Keresete ka go laletsa tsala ya gagwe yo e neng e se leloko la Kereke go tla le ene kwa khonforenseng ya FSY. Lantlha rraagwe tsala ya gagwe o ne a sa batle go neela mosetsana teseletso ya go tsamaya. Baeteledipele ba Kereke ba tlhalosa ka maitemogelo a molemo a a mo emetseng le mogakolodi yo mogolwane yo o siameng yo a tlaabong a mo tlhokometse. Rraagwe a neela mosetsana teseletso ya go tsenelela, mme morago ga go bona pharologanyo e e dirileng mo botshelong jwa gagwe, le gone a mo neela teseletso go tsenelela diphuthego tsa Kereke mme—morago ga kgwedi tse thataro—le go kolobediwa.

Mongwe wa lekawana go tswa Argentina kwa Borwa jwa Amerika o supile keletso ya gagwe go nna morutwana wa ga Keresete ka go abelana dingwe tsa dimonamone le tsala jaaka ba ne ba palame base go ya sekolong. Fa a tla mo semonamoneng sa kofi, o ne a tlhalosa gore ga ise a kgatlhegele tatso ya eo e sa le ka lelwapa la gagwe le sa nwe kofi. Seo sa isa mo puisanyong ka ga Kereke, mo go isitseng mo taletsong go tla diphutegong, mo kgabagare go isitseng mo tsaleng ya gagwe e nna leloko la Kereke le go direla thomo ya boanamisa efangele mo Chile.

Ga se mongwe le mongwe yo o buang le ene ka Kereke kgotsa o mo laletsa tirelo ya Kereke o tlaa batlang go e tsena. Moo go Siame. Ga se mongwe le mongwe yo Keresete a buileng le ene ka nako ya bodiredi jwa Gagwe mo lefatsheng a e tseneng le gone. Le fa gontse jalo, jaaka fa re batla go nna barutwana ba ga Jeso Keresete le go bolela lefoko la Gagwe, O tlaa re neela kgothatso le thuso ya selegodimo. Re tlaa ithuta go nna jaaka Ene, mme se ke se barutwana ba se dirang.

Gatisa