Go Nonofo ya Banana
A ke Tshela “ka fa Mokgweng wa Boitumelo”
Tlhakole 2024


“A ke Tshela ‘ka fa Mokgweng wa Boitumelo’?,” Go Nonofo ya Banana, Tlha. 2024.

Molaetsa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Tlhakole 2024

2 Nefi 5

A ke Tshela “ka fa Mokgweng wa Boitumelo”?

Fano ke megopolo mengwe e o ka tshelang ka tsela e Nefi a rileng batho ba gagwe ba tshedile.

Setshwantsho
banana

Setshwantsho ka Alyssa Gonzalez

Moragonyana ga go kgaogana ga Balamane, Nefi o ne a re batho ba gagwe ba “tshedile ka fa mokgweng wa boitumelo” (2 Nefi 5:27). Fa o akanya gore go ne go na le setlhopha sa batho bao ba ba neng ba batla go ba bolaya (bona 2 Nefi 5:1–6, 14), seo se ka gakgamatsa. Ke mang yo a ka itumelang mo diemong tse di ntseng jalo?

Lantlha, tshwaya gore “re tshedile ka fa mokgweng wa boitumelo” ga go reye gore “mongwe le mongwe wa Monefi o ne a itumetse 24/7.” Go raya gore ba tshedile ka tsela nngwe, le go dira dilo dingwe, tse ka kakaretso di isitseng kwa boitumelong. Gotlhe, le ntswa dikgwetlho tsa bone, e ne e le nako ya boitumelo.

Jalo ke eng “mokgwa wa boitumelo”? Re ka o kopisa jang mo matshelong a rona, ao a nang le dikgwetlho? A re lebeng!

  • Obamela. “Re ne ra tlhokomela go tshegetsa … ditaelo tsa Morena” (2 Nefi 5:10).

    Go tshela efangele ke Kgato 1. O ka itumela ga nakwana mo sebeng, mme go ka se tseye sebaka. Go sa obamele Modimo ka bomo ga se “mokgwa wa boitumelo” (bona Alema 41:10).

  • Batla dikwalo tse di boitshepo. “Nna, Nefi, ke ne le gone ke tlile ka dipolelo tse di neng di gabilwe mo dipapetlaneng tsa borase” (2 Nefi 5:12). “Ra … di keleka le go bona gore di a eletsega; ee, ebile ele tsa boleng jo bogolo go rona” (1 Nefi 5:21) .

    Batho ba ga Nefi ba ne ba na le dikwalo tse di boitshepo. Mme ba ne ba sa nna le tsone fela—ba di keleka le tsone.

  • Reetsa baeteledipele ba ba tlhotlheleditsweng. “Nna, Nefi, ka tshwaela Jakobe le Josefe, gore ba nne baperesiti le baruti … ba batho ba me” (2 Nefi 5:26).

    Baruti ba ba ne ba dirisa dikwalo tse di boitshepo jaaka kaedi ya bone (bona 2 Nefi 4:15; 6:4).

  • Ya kwa tempeleng (le mafelo a mangwe a boitshepo). “Nna, Nefi, ke ne ka aga tempele” (2 Nefi 5:16).

    Go botlhokwa go nna le mafelo a boitshepo jaaka mafelo a bophuthegelo le ditempele gore barutwana ba phuthege le go obama. (Re ka akanyetsa gore Banefi ba ne fela ba sena tempele—ba ne ba e dirisa.) Fa o ka se etele tempele ka bo wena, ka metlha o ka dira tiro ya ditso tsa lelwapa.

  • Nna matlhagatlhaga. “Ke na ka ruta batho ba me go aga dikago, le go bereka. … [Ke] ne ka dira batho ba me gore ba nne dinatla, le go dira ka diatla tsa bone” (2 Nefi 5:15, 17).

    Karolo ya “mokgwa wa boitumelo” ke go nna le sengwe se o ka se dirang! Thomo, tiro, maikarabelo—sengwe se se ka go neelang tsepamo le maikaelelo (le nako e e lekaneng ya go itapolosa, tota). Go thata go itumela fa o jewa ke bodutu nako tsotlhe.

A mme o ka re o tshela ka mokgwa wa boitumelo? Fa go sa nna jalo, gongwe sekai sa ga Nefi se ka go neela mengwe ya megopolo ya ka fa o ka tokafalang ka teng.

Gatisa