Go Nonofo ya Banana
Go Dumela mo go Keresete pele Ga A Tla Gape
Moranang 2024


“Go Dumela mo go Keresete pele Ga A Tla Gape,” Go Nonofo ya Banana, Moranang. 2024.

Molaetsa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Moranang 2024

Jaromo

Go Dumela mo go Keresete pele Ga A Tla Gape

Banefi ba ne ba na le tumelo pele ga Mmoloki a tla, mme le rona re kgona go nna le tumelo pele ga A tla gape.

Setshwantsho
Jeso Keresete a etetse Banefi

A o kile wa akanyetsa gore go tlaa nna jang go dumela mo go Mmoloki pele ga A tla mo lefatsheng? Banefi ba bogologolo ba ne ba dira fela jalo—”ba ba rotloetsa go lebelela kwa pele kwa go Mesia, le go dumela mo go ene go tla jaaka e kete o setse a tlile” (Jaromo 1:11).

Gompieno, re na le dipego tsa dikwalo le tsa ditso tse di pakang gore Jeso o tshidile, a swa, le go tsoga gape. Re dumela mo Mmoloking yo o setseng a tlile. Mme gape re dumela mo Mmoloking yo o tlaa tlang gape.

Pele ga Jeso Keresete a Tla, Banefi ba ne ba Na le Tumelo Go:

Setshwantsho
Kgosi Benjamine le mosadi wa gagwe ba rapela

Itshwarelwa dibe tsa bone.

“Mang le mang yo o tlaa dumelang gore Keresete o tlaa tla, bone bao ba amogela phimolo ya dibe tsa bone, mme ba ipele ka boipelo jo bogolo mo go feteletseng, le jaaka e kete o setse a tlile gareng ga bone” (Mosia 3:13; (go gateletswe).

Setshwantsho
Enose

Itshwarela.

Mme go ne ga tla lentswe go nna, le re: Enose, dibe tsa gago di itshwaretswe. … Ka jalo, molato wa me o ne wa ntshiwa. Mme ke ne ka re: Morena, go diriwa jang? Mme a re go nna: Ka ntlha ya tumelo ya gago mo go Keresete, yo o iseng o ke o mo utlwe pele le fa e le go mmona. Mme dingwaga di le dintsi di a feta pele ga a tlaa itshupa mo nameng; … tumelo ya gago e go itshepisitse” (Enose 1:5–8; go gateletswe).

Setshwantsho
Jakoba a rera

Dira dikgakgamatso.

“Re ne re itse ka ga Keresete, mme re ne re na le tsholofelo ya kgalalelo ya gagwe dingwaga di le makgolo a mantsi pele ga go tla ga gagwe. … Ka boammaaruri re ka laola mo leineng la ga Jesu le ditlhare tota di re obamela, kgotsa dithaba, kgotsa makhubu a lewatle” (Jakoba 4:4, 6; go gateletswe).

Setshwantsho
Moroni a kwala mo dipapetlaneng

Amogela tshenolo.

“Go ne go le ba le bantsi ba tumelo ya bone e neng e nonofile mo go feteletseng jalo, le pele ga ga Keresete a tla tota, ba ba neng ba ka seka ba bewa go tswa mo teng ga sesiro, fela ba bona ka boammaaruri ka matlho a bone“ (Ethere 12:19; go gateletswe).

Pele ga Jeso Keresete a Tla Gape, Re kgona gonna le Tumelo Go:

Itshwarelwa, go re iitshwarele, go dira dikgakgamatso, le go amogela tshenolo (jaaka Banefi).

Setshwantsho
lekawana le opela mo kerekeng

Go ipaakanyetsa kgorogo ya Gagwe.

Jaaka re leka go tshegetsa dikgolagano tsa rona, re ipaakanyetsa go tshela kwa bogosing jwa selesetiale. “Gonne bonang, botshelo jo ke nako ya batho go ipaakanyetsa go kopana le Modimo; ee, bonang letsatsi la botshelo jo ke letsatsi la batho go dira ditiro tsa bone” (Alema 34:32).

Setshwantsho
basha fa pele ga tempele

Baakanyetsa lefatshe go tla ga Gagwe.

Re laleditswe ke Moporesidente Russell M. Nelson go nna bontlha jwa “tiro e kgolo go fitisa mo lefatsheng”—go phutha Iseraele. “Rara wa rona wa Legodimo o bolokile bontsi jwa mowa wa Gagwe o o tlotlegang—gongwe, ke ka re, setlhopha sa Gagwe se se di gaisang tsotlhe—mo legatong le la bofelo. Mewa eo e e tlotlegang—batshameki bao ba gaisang go feta, bagaka bao—ke wena!”1

Setshwantsho
basetsanyana ba tlamparelana

Nna le tsholofelo ka dinako tse di thata.

Fa Mmoloki a tla gape, basiami ba tlaa tshelela mo kagisong. Mmoloki o tla busa, mme tsietsi e tlaa baakanngwa. “Gonne Morena o tlaa nna mo gare ga bone, mme kgalalelo ya gagwe e tlaa nna mo go bone, mme o tlaa nna kgosi ya bone le motlhomi wa molao wa bone” (Dithuto le Dikgolagano 45:59).

Setshwantsho
mosetsanyana

Tshepha Tsogo ya baswi.

Batho botlhe ba tlaa tsosiwa. Re tlaa nna le mebele e e itekanetseng, e e sa sweng. Re tlaa kgona gape go bona baratiwa ba ba tlhokafetseng. “Mowa le mmele di tlaa kopanngwa gape mo sebopegong sa one se se itekanetseng; mmogo serwe le tokololo di tlaa buseletswa mo popegong ya tsone e e siameng, le jaaka re ntse jaanong mo nakong e” (Alema 11:43).

Setshwantsho
Jeso Keresete o bonala kwa Banefing

Banefi ba bogologolo ba dumetse mo go Keresete pele ga A tla. Re kgona go nna le tumelo ya gore Mmoloki o tlaa tla gape—fa “[re] tlaa mmona mo marung a legodimo, [A] apesitswe ka thata le kgalalelo e kgolo” (Dithuto le Dikgolagano 45:44; bona le gone Ditiro 1:11). Go itse gore o tlaa tla gape go fetola jang se o tlaa se dirang gompieno?

Ntlha

  1. Russell M. Nelson, “Hope of Israel” (worldwide youth devotional, June 3, 2018), Gospel Library.

Gatisa