Go Nonofo ya Banana
Ke eng totatota se re se solofetsang fa re kolobediwa?
Seetebosigo 2024


“Ke eng totatota se re se solofetsang fa re kolobediwa?,” Go Nonofo ya Banana, Seetebosigo 2024.

Molaetsa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Seetebosigo 2024

Ke eng totatota se re se solofetsang fa re kolobediwa?

Setshwantsho
kolobetso

Kolobetso, ka Annie Henrie Nader

Dikwalo tse di boitshepo di re ruta gore fa re kolobediwa, re dira kgolagano (kana tsholofetso) gore re iketleeditse go tsaya leina la ga Jesu Keresete, go direla Modimo, le go boloka ditaolo tsa Gagwe (bona Mosia 18:10; Dithuto le Dikgolagano 20:37, 77).

Re ithuta gape mo dikwalong tse di boitshepo gore kolobetso e re thusa go diragatsa keletso ya rona “go tsena mo sakeng la Modimo, le go bidiwa batho ba gagwe” (Mosia 18:8). Ka mantswe a mangwe, lebaka le lengwe la go bo re kolobediwa ke gore re batla go nna maloko a Kereke ya ga Jeso Keresete le go ipelela lorato le go nna leloko tse di nnang gone ka ntlha ya go nna seoposengwe mo go Keresete.

Maitlamo a go direla Morena le go tshwarelela ditaolo tsa Gagwe go ka akaretsa dilo di le dintsi mo botshelong jwa rona jotlhe. Sekai, a ka aretsa go “rata go thusasana merwalo ya mongwe go yo mongwe, … go lela le bao ba ba lelang; ee, le go gomotsa bao ba ba tlhokang kgomotso, le go ema jaaka basupi ba Modimo ka dinako tsotlhele mo dilong tsotlhe, lemo mafelong otlhe” (Mosiah 18:8–9).

Gatisa