2018
Jaaka Re Gatela Pele Mmogo
April 2018


Molaetsa wa Boporesidente Jwa Ntlha, Moranang 2018

Jaaka Re Gatela Pele Mmogo

Go Barwa le Barwadi, Ke ikokobetsa go nna le lona mosong ono. Malatsi a mane a a fitileng re robaditse mogaka wa monna, moperofiti wa Modimo—Poresidente Thomas S. Monson Ga gona mafoko a ka dirang tshiamo go bogolo le tlotlomalo ya botshelo jwa gagwe. Ke tlaa itumelela botsalano jwa rona ka ditebogo ka se a se nthutileng ka bosenang bokhutlo. Jaanong re tshwanetse go lebela pele go bokamoso ka tumelo ee feletseng mo Moreneng wa rona Jeso Keresete, yo Kereke e e leng ya gagwe.

Malatsi a mabedi a a fetileng Baaposetole botlhe ba ba tshelang ba kopana mo kamoreng e e fa godimo mo Tempeleng ya Salt Lake Koo ba neng ba tsaya tshwetso ee maleba, lantlha, go rulaganya Boporesidente jwa Ntlha jwa jaanong le, la bobedi, gore Ke dire jaaka Poresidente ya Kereke. Mafoko gaa lekana go bolelela maikutlo a ke nang le o ne go nna le Bakaulengwe—Bakaulengwe ba ba tshegeditseng dilotlele tsotlhe tsa boperesiti tse di buseleditsweng ke Moperofiti Joseph Smith mo tebalebelong e—ba baya diatla tsa bone mo tlhogong ya me go ntlhoma le go ntlhoma ke le Poresidente ya Kereke. E ne e le maitemogelo a a boitshepo le boikokobetso.

Jalo ya nna maikarabelo a me go lemoga ba Morena ba baakantseng go nna bagakolodi ba me. Ke ka kgona jang go tlhopha bobedi go tswa mo Baaposetole ba le lesome le bobedi, ba ke ba ratang thata. Ke leboga ka boteng go Morena go araba dithapelo tsa me tse di tlhwaafetseng. Ke leboga thata gore Moporesidente Dallin Harris Oaks le Moporesidente Henry Bennion Eyring ba ikaeletse go dira le nna e le Bagakolodi ba Ntlha le wa Bobedi, ka go latelana. Moporesidente Dieter F. Uchtdorf o simoletse a nna mo Khoramong ya ba ba Lesome le Bobedi jwa Baaposetole. O setse a amogetse dithomo tse dikgolo tse di mo tshwanetseng.

Ke tlaleletsa go ene le Moporesidente Eyring ka go dira ka bopelonolo e le bagakolodi ba ga Moporesidente Monson Ba ne ba na le bokgoni, ba ineetse mme ba tlhotlheleditsweng Re ba lebogela thata. Mongwe le mongwe o eletsa go dira moo a tlhokiwang thata

Jaaka Moaposetolo wa bobedi mo bagolwaneng, Moporesidente Oaks le ene a nna Moporesidente wa Khoramo ya Bolesome le bobedi wa Baaposetolo. Mme jalo go neelwa pitso e ya Boporesidente jwa Ntlha ka tlhomamo le thulaganyo ya Kereke, Poresidente M. Russell Ballard, yoo latelang mo bagolwaneng o tlaa dira ele motshwarelela Moporesidente wa khoramo. Baporesidente ba Ntlha ba tlaa bereka botlhe le ba ba Lesome le Bobedi go diragatsa thato ya Morena le go tsweledisetsa tiro Ya Gagwe e e boitshepo.

Re lebogela dithapelo tsa lona. Tse di ntseng di rapelwa lefatshe ka bophara. Mo mosong morago ga go re tlogela ga Moporesidente Monson, mosimane wa dingwaga tse nne yoo bidiwang Benson o ne a fa thapelo Ke tsaya se mo lokwalong le mmaagwe a lo kwaletse mosadi wa me, Wendy Benson o ne a rapela a re, “Rarona yoo kwa Legodimong, re lebogela gore Moporesidente Thomas S Monson o tlaa bona mosadi wa gagwe gape. Re lebogela Moperofeti yo mosha. O mo thuse a nne pelokgale le go sa tshabe gore o mosha. Mo thuse a gole a itekanele a kgothale. Mo thuse a nne le maatla ka gonne o na le boperesiti O re thuse re siame ka dinako tsothe.

Ke leboga Modimo go bana ba ba tshwanang le ba le batsadi ba ba tlhoafetseng ka maitlamo a tshiamo mo kgodisong—go motsadi, moruti le mokaulengwe mongwe le mongwe yoo imelwang mme a ntse a dira ka go rata. Ka mantswe a mangwe ke leboga mongwe le mongwe go menagane.

Morena o kwa tlhogong.

Jaaka re gatela pele rotlhe, ke lo laletsa go akanya ka thulaganyo ee tlotlometseng e Morena a laolang Kereke Ya Gagwe. Fa Moporesidente wa Kereke a tlhokafala ga gona kgakgamalo ya gore go latela mang go dira boemong jwa gagwe. Ga gona ditlhopho le go ipapatsa fa ese go bereka ka tidimalo ka thulaganyo ee faphegileng ya tswelelo pelo ee beilweng ke Modimo ka sebele.

Letsatsi lengwe le lengwe la go dira ga Moaposetole ke la go ithuta le go baakanyetsa maikarabelo a kamoso. Go tsaya masome a dingwaga tsa go dira gore Moaposetole yo o mmotlanago tswa mo setilong go ya go se se fa godimo ka go tlhatlologana. Mo nakong eo, o nna le maitemogelo mo nngwe le nngwe ya tiragalo tsa ditiro tsa Kereke. Mme le gone a itsanye le batho ba lefatshe le ditso, dingwao, dipuo le tiro e a tlaa e dirang lefatshe ka bophara. Tswelelopele e ya go tlhatlologana ga boeteledipele jwa Kereke e faphegile. Ga ke itse sepe se se tswhanang le se. Se ga se re gakgamatse ka ke Kerekeng ya Morena. Ga a dire ka go rata ga mokgwa wa batho.

Ke dirile mo Khoramong ya ba ba Lesome le bobedi ka fa tlase ga Boporesidente ba ba fetileng ba le batlhano ba Kereke e. Ke bone Moporesidente mongwe le mongwe a amogela tshenolo le dikarabo tsa tshenolo eo Ka metlha Morena o tlaa fa Baperofite ba gagwe ditaelo le go ba tlhotlheletsa. Morena o kwa tlhogong. Rona ba re laoletsweng go fa Bopaki ka leina la Gagwe le le boitshepo lefatshe lotlhe re tlaa tswelela ka go batla go itse go rata Ga gagwe le go mo sala morago.

Nna mo Tseleng ya Kgolagano.

Jaanong, go leloko lengwe le lengwe la Kereke ka re, nna mo tseleng ya kgolagano. Maitlamo a gago a go sala Mmoloki morago ka go dira kgolagano le Ene le go tshegetsa dikgolagano tseo go tlaa go bulela ditshegofatso tsa semowa le tshono ee filweng banna, le basadi, le bana gongwe le gongwe.

Jaaka Boporesidente jo bosha, re batla go simolola ka bokhutlo mo tlhaloganyong. Ka sebaka se, re buisanya le wena gompieno go tswa mo Tempeleng. Bokhutlo jo mongwe le mongwe wa rona a lwelang go humisiwa ka boene mo ntlung ya Morena, ba kanwe jaaka malwapa, ba boikanyega mo kgolaganong tse di dirilweng mo tempeleng tse di re atlegisetsang mpho e kgolo ya Modimo—ya botshelo jo bosakhutleng. Ditlhomo tsa tempele le dikgolagano tse o di dirang koo ke selotlolo se se nonotshang botshelo jwa gago, lenyalo la ga le lolwapa, le bokgoni jwa gago jwa go gana ditlhaselo tsa moganetsi. Kobamelo ya gago ko tempeleng le go direla badimo ga gago o tlaa segofadiwa ka go okelediwa tshenolo le kagiso o bo o ntlafalediwa maitlamo a gago a go nna mo tseleng ee siameng.

Jaanong, fa o dule mo tseleng, ke go laletsa ka tumelo ee mo pelong ya me gore tsweetswee boa. Matshwenyego le dikgwetlho tse o nang natso, go na le manno a gago mo Kerekeng ya Morena. Wena le losika le le iseng letsholwe lo tlaa segofadiwa ka ditiro tsa lona jaanong boelang mo tseleng ee siameng. Rraarona Yoo ko Legodimong O rata Bana ba gagwe, O batla mongwe le mongwe wa rona a boele gae ko go Ene. Se ke maikaelelo a magolo a Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a bofelo go thusa mongwe le mongwe wa rona go boela gae.

Ke lo neela lorato lo lo tseneletseng— lo lo godileng ka dilemo fa re ntse re kopana ke obama le wena ke go direla. Maitlamo a rona ke go etela tshaba nngwe le nngwe, losika, teme, le batho, go thusa go baakanyetsa lefatshe Go Tla ga Morena. Se re tlaa se dira ka tumelo mo Moreng Jeso Keresete, re itse o mo taolong. Se ke Tiro ya gagwe le Kereke ya gagwe. Re bana ba Gagwe.

Ke le itsise maitlamo a me go Modimo Rraarona wa bosakhutleng le go Morwae, Jeso Keresete. Ke a Baitse, ke a Ba rata le go ba direla—le wena—ka malatsi otlhe ago tshela ga me Mo leineng le le boitshepo la ga Jeso Keresete, amene.

Gatisa