Melawana ya go Direla, Lwetse 2018
Gakololanang ka Matlhoko a Bone
Ga o a tshwanela go dira se o le nosi. Go gakololana go ka neela thuso e o e tlhokang go thusa ba bangwe.
Modimo o go laleditse go direla mongwe kgotsa lelwapa mo wateng ya gago kgotsa lekalana go yeng ka matlhoko a bone. O ka bona jang gore matlhoko ao ke afe? Molawana wa go gakololana, o o ntseng o gatelelwa mo Kerekeng, o botlhokwa.
Morago ga go buisana ka se re ka akanyang go gakololana ka ga sone, re tlaa atolosa:
-
Go gakololana le Rara wa Legodimo.
-
Go gakololana le mongwe le lelwapa le lo romilweng go lone.
-
Go gakololana le bapati ba rona.
-
Le go gakololana le ba bangwe ba ba romilweng go mongwe yoo kgotsa lelwapa.
Go gakololana le baeteledipele ba rona le gone go botlhokwa. Melawana ya go Direla ya nako e tlang ya nankolo e mo Liahona e tlaa atolosa go gakololana le baeteledipele le gone ka tiro ya dipotsolotso tsa go direla mo tsamaisong eo.
Se Re Gakololana ka ga sone
Go tlhaloganya matlhoko go botlhokwa go direla mongwe go yo mongwe. Mme matlhoko ao a ka tsaya popego efe, mme a go na le sengwe go feta matlhoko se re tshwanetseng go se batla?
Matlhoko a ka tla ka dipopego tse dintsi. Bao re ba direlang ba ka lebagana le dikgwetlho tsa maikutlo, tsa madi, tsa senama, tsa thuto, le tse dintsi. Matlhoko a mangwe a magolo go na le a mangwe. A mangwe re tlaabo re ipaakanyetse go thusa mo go one, a mangwe a tlhoka gore re kope thuso ka bo rona. Mo maitekong a rona a go thusa go tlamela matlhoko a lobaka lono fela, se lebaleng gore pitso ya rona ya go direla e akaretsa go thusa ba bangwe mo go tsweleleng mo tseleng ya kgolagano, go ba baakanyetsa le go amogela ditlhomo tsa boperesiti tse di botlhokwa go kgalalelo ya bosakhutleng.
Mo go tlalaletseng ka go gakololana ka ga matlhoko a mongwe kgotsa a lelwapa, re tshwanetse go batla go itse dinonofo tsa bone. Ke eng se ba sa tlhokeng thuso mo go sone? Ke dinonofo le dineo dife tse ba nang le tsone tse di ka segofatsang ba bangwe? Ba ka fitlhelela jang mo go kgethegileng go thusa go aga bogosi jwa Modimo? Dinonofo tsa mongwe di ka nna botlhokwa go di tlhaloganya jaaka matlhoko a gagwe.
Go gakololana le Rara wa Legodimo
Ngwe ya melawana ya konokono ya tumelo ya rona ke gore Rara wa Legodimo o bua le bana ba Gagwe (bona Mekwalwana ya Tumelo 1:9). Fa re amogela thomo e ntsha go direla mongwe, re tshwanetse go gakololana le Rara wa Legodimo ka thapelo, re batla megopolo le go tlhaloganya matlhoko le dinonofo tsa bone. Tsamaiso e ya go gakololana ka thapelo e tshwanetse go tswelela go ya le thomong ya rona ya go direla.
Go gakololana le Bangwe le Malwapa
Ka fa le fa re tsayang bangwe le malwapa a re biditsweng go a direla go ka farologana go yeng ka dieemo, mme go gakololana le bone le mongwe kgotsa lelwapa go botlhokwa go aga botsalano le go tlhaloganya matlhoko a bone, go akaretsa ka fa ba tlhokang go thuswa ka teng. Dipotso dingwe di tlhoka go sa botswe go fitlhelela botsalano jo bo nang le bokao bo sena go dirwa. Le fa go sena tsela e lengwe e e siameng go dira seo, akanyetsa tse di latelang:
-
Batla ka fa le leng ba bonang go siame go tlholwa.
-
Ithute ka tse ba diratang le matshelo a bone a pele.
-
Tlaya ka megopolo ka fa o ka thusang ka teng, mme o kope megopolo ya bone.
Jaaka re aga tshepo, akanyetsa ka go buisana ka matlhoko a mongwe kgotsa lelwapa. Botsa dipotso jaaka o tlhotlhelediwa ke Mowa o o Boitshepo.1 Ka sekai:
-
Ke dife dikgwetlho tse ba lebaneng le tsone?
-
Ke afe maikaelelo a bone a lelwapa kgotsa ka bongwe? Ka sekai, a ba batla go nna botoka mo go tshegetseng maitiso a lelwapa mo gae kgapetsakgapetsa kgotsa go itlamela mo go rileng?
-
Re ka ba thusa jang ka maikaelelo a bone le dikgwetlho?
-
Ke dife ditlhomo tsa efangele tse di tlang mo matshelong a bone? Re ka ba thusa jang go ipaakanya?
Gakologelwa go ba neela thuso e e kgethegileng, jaaka, “Ke bosigo bofe jo re ka le tlisetsang dijo beke e?” Go fa mo go sa totobalang, jaaka, “Re itsise fa go na le sengwe se re ka se dirang,” ga go thuse thata.
Go gakololana le bapati ba rona
Gonne wena le mopati wa gago ka metlha lo a bo le se mmogo fa lo kopana le mongwe kgotsa lelwapa, go botlhokwa go thusana le go gakololana mmogo jaaka lo batla tlhotlheletso jaaka bapati. Fano ke dipotso tse lo ka di akanyetsang:
-
Ka ga jang le ga kae le tlaa buisanang jaaka bapati?
-
Mongwe le mongwe wa lona o ka dirisa jang dinonofo tsa gagwe go direla matlhoko a lelwapa kgotsa mongwe?
-
Ke dilo dife tse le di ithutileng, le nnile le maitemogelo a fe, le gore ke ditlhotlheletso dife tse le o nnileng le tsone e sale nako ya bofelo le bua le mongwe kgotsa lelwapa?
Go gakololana le Bangwe ba ba Romilweng
Go ka nna molemo go tswa nako le nako go bua le ba bangwe ba ba neetsweng tiro ya go direla mongwe kgotsa lelwapa le lo le direlang.
Buisanang go Rarabolola dikgwetlho
Mogolwane Chi Hong (Sam) Wong wa ba ba Masome a Supa o amanya polelo go tswa mo go Mareko 2 le nako ya rona go supa ka fa go gakololana go dirileng batho ba le bane go bona ka fa ba ka letlelelang monna o a nang le bolwetse jwa teteselo go nna mo boleng teng jwa ga Jeso.
“Go ka diragala jaana,” ga bua Mogolwane Wong. “Batho ba bane ba ne ba diragatsa thomo go tswa mo go Bishopo wa bone go lekola, kwa lapeng la gagwe, monna yo a neng a a lwala bolwetse jwa teteselo. … Mo lekgotleng la wate bosheng, morago ga go gakololana ka ga matlhoko mo wateng, bishopo o ne a neetse dithomo tsa go namola. Ba bane ba ba ne ba neetswe tiro ya go thusa monna yo. …
“[Fa ba goroga kwa kagong eo Jeso a neng a le gone,] kamore e ne e tletse thata. Ba ne ba sa kgone go tsena ka kgoro. Ke a itse gore ba lekile sengwe le sengwe se ba neng ba ka se akanyang, mme fela ba ne ba retelelwa ke go tsena. … Ba gakololana mo go se ba ka se dirang gape—ka fa ba ka tlisang monna kwa go Jeso Keresete go fodisiwa. … Ba tla ka leano—e seng le le motlhofo, mme ba le diragatsa.
“… ‘ Ba rutlomolola borulelo kwa a neng a le teng: mme fa ba sena go bo phunya , ba folosetsa bolao jo yo o lwalang bolwetse jwa teteselo a robetseng mo go jone’ (Mareko 2:4). …
“… ‘Fa Jeso a bona tumelo ya bone, o ne a raya yo o lwalang bolwetse jwa teteselo a re, Morwaake, dibe tsa gago o di itshwarelwe’ (Mareko 2:5).”2
Taletso go Dira
Mogolwane Dieter F. Uchtdorf wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi wa kgothatsa, “Gakololanang mmogo, dirisang di dirisiwa tsotlhe tse di leng teng, batlang tlhotlheletso ya Mowa o o Boitshepo, botsang Morena go tlhomamisa, mme le bo le ipaakanya mme lo dire tiro.
“Ke lo neela tsholofetso: fa lo sala morago sekao se, lo tlaa amogela kaelo e e tlhamaletseng ya gore mang, eng, leng, le kae ya go tlamela ka tsela ya Morena.”3
© 2018 ka Kutlwisiso e e Beilweng, Inc. Tetla tsotlhe di beilwe. E gatisitswe mo USA. Tetla ya Sekgoa: 6/17. Tetla ya Thanolo: 6/17. Thanolo ya Melawana ya go Direla, Lwetse 2018. Puo. 15052 763