Melawana ya go Direla, Sedimonthole 2018
Supa Gore o a Kgathala
Go na le ditsela tse dintsi re ka supang gore re a kgathala, bogolo thata ka nako ya Keresemose. Re ka go bua, go romela, go kwala, go abelana, go rapela, go apaya, go opela, go tlamparela, go tshameka, go jwala, kgotsa go go phepafatsa. Ka motlhofo go leke.
Go supa lorato go ba bangwe tota go mo pelong ya go direla. Moporesidente wa Kakaretso wa Mokgatlho wa Thuso Jean B. Bingham a re: “Go direla ka boammaaruri go fitlhelelwa ka bongwe ka bongwe ka lorato jaaka thotloetso. … Ka lorato jaaka thotloetso, dikgakgamatso di tlaa diragala, mme re tlaa bona ditsela tsa go tlisa bokgaitsadi le bakaulengwe ba ba seong mo go yotlhe katlego ya efangele ya ga Jeso Keresete.”1
Go itsise ba bangwe fa re kgathala ke ntlha e e botlhokwa ya go tokafatsa botsalano. Mme batho ba ba farologanyeng ba tsaya molaetsa yo ka ditsela tse di farologanyeng. Ka jalo re supa jang lorato la rona go ba bangwe mo go siameng ka ditsela tse ba tlaa tlhaloganyang le go leboga? Fano ke ditsela tse re ka supang gore re a kgathala, le megopolo e se kae ya go simolola go akanya ga gago.
Go Bue
Nako tse dingwe ga gona mo go ka emisetsang ka fa o ikutlwang ka teng ka yo mongwe. Fa se se ka raya o bolelela mongwe o a mo rata, le gone go akaretsa go abelana seo se se go kgatlhang ka bone kgotsa ka tlhwaafalo o ba tlotlomatsa. Mofuta yo wa go tlhomamisa o thusa go nonotsha botsalano. (Bona Baefeso 3:19.)
-
Batla monyetla go itsise mongwe ka fa o kgatlhegelang nngwe ya dinonofo tsa gagwe.
-
Eta, letsa, kgotsa romela emaile, molaetsa, kgotsa karata e bolelela mongwe o ba akantse.
Etela
Go tsaya nako go bua le go reetsa mongwe ke tsela e e nonofileng ya go supa ka fa o ba tsang ka teng. Kana o ba etela mo lapeng, kwa kerekeng, kgotsa gongwe le gongwe, go na le batho ba bantsi ba ba tlhokang mongwe yo ba ka buang le ene. (Bona Mosiah 4:26; D&C 20:47.)
-
Go yeng ka matlhoko a mongwe, dira lenaneo go mo etela. Tsaya nako tota go reetsa le go tlhaloganya diemo tsa gagwe.
-
Kwa go ka nnang thata go etela malwapa ka ntlha ya bokgakala, ditlwaelo tsa ngwao, kgotsa diemo tse dingwe, akanya ka go batla nako mmogo morago ga diphuthego tsa Kereke.
Dira ka Maikaelelo
Ela tlhoko seo mongwe kgotsa lelwapa le se se tlhokang. Neela tirelo ya boleng go supa gore o a kgathala. E tlhakanya boleng jwa dineo tsa nako le dikakanyo tsa boiteko. “Ditiro tse di motlhofo di ka nna le ditlamorago tse dikgolo mo go ba bangwe,” ga bua Kgaitsadi Bingham.2
-
Neela tirelo e e nonotshang bangwe kgotsa malwapa a bone, jaaka go tlhokomela bana gore batsadi ba ka ya tempeleng.
-
Batla ditsela tsa go tlhofofatsa mekgweleo fa botshelo bo pikama, jaaka go tlhatswa difensetere, go tsamaya le ntsha, kgotsa go thusa mo lapeng.
Dirang Dilo Mmogo
Go na le bangwe ba ba sa lomaganeng ka puisanyo e boteng. Batho ba bangwe, go lomagana go dirwa ka go batla dikgatlhego tse di tshwanang le go tsaya nako mmogo lo dira dilo tseo. Morena o re tlhotlheletsa gore “re nne le go nonotsha” (D&C 20:53) bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona.
-
Tsamayang mmogo, dira lenaneo la motshameko bosigo, kgotsa bayang nako ka metlha go itshidila mmogo.
-
Direlang mmogo mo porojekeng ya motse kgotsa ya Kereke.
Naya Mpho
Nako tse dingwe nako kgotsa monyetla wa botsalano o monnye. Mo dingwaong tse dintsi, go neela dineo ke tshupo ya go kgathala le go itumela. Le e leng nako tse dingwe, neo e motlhofo e ka supa kgatlhego ya gago mo go ageng botsalano jo bo botoka. (Bona Diane 21:14.)
-
Ba tseele sejo se ba se ratang.
-
Abelana nankolo, dikwalo tse di boitshepo, kgotsa melaetsa e mengwe e o utlwang e ka ba solegela molemo.
Go Dira ka Lorato
Jaaka o itse bao o ba direlang le bao o ba batlelang tlhotlheletso, o tlaa ithuta thata ka fa o ka supang lorato la gago le go ba kgathalela ka bongwe.
Kimberly Seyboldt wa Oregon, USA, o bolela ka polelo ya go batla tlhotlheletso le go neela dineo go supa lorato:
“Fa ke bona botshelo bo mpaya fatshe. Ke a emelela mme ke dire borotho jwa suchini, nako tse dingwe e nna dilofo tse di boferabobedi. Motswako wa me o o kgethegileng ke thapelo e ke e dirang jaaka ke apaya go itse gore ke mang a tlhokang dilofo tseo tsa borotho. Ke ne ka kgona go itse baagisanyi ba ba mo tikologong jaaka borotho jwa suchini e le go laletsa mo malwapeng a bone le matshelo.
“Letsatsi lengwe la selemo, Ke ne ka feta fa thoko ga tsela lelwapa le rekisa sephatlo sa lithara ya dikungwa tse dintsho fa thoko ga tsela. Ke ne ke sa tlhoke dikungwa tse dintsho, mme yo o monnye, mosimanyana yo o mosesane yo emeng o ne a itumeletse go mpona, a akanya gore ke moreki yo mongwe wa gagwe. Ke ne ka reka dingwe tsa dikungwa tse dintsho, mme le gone ke na le mpho ya gagwe. Ke ne ka neela mosimane dilofo tse pedi tsa borotho. O ne a leba rraagwe go dumalana, jalo a re, ‘Leba, Rre, jaanong re na le se re tlaa se jang gompieno.’ Ke ne ka tlala ka boitumelo ka monyetla o go supa lorato ka tsela e motlhofo.
Mogolwane Jeffrey R. Holland wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi, “gore monna le mosadi mongwe le mongwe—le makau le makgarebe a magolwane—ba [tlaa] … diragatsa maikutlo a a supang go kgathala mongwe ka yo mongwe mo go tlhwaafetseng, ba kgothadiwa fela ke lorato lo lo itshekileng la ga Keresete go dira jalo. … A re direng le Morena wa tshimo, re neela Modimo le Rara wa rona rotlhe seatla sa thuso mo tirong e kgolo ya Gagwe ya go araba dithapelo, go tlamela kgomotso, go sutlha dikeledi le go nonotsha mangole a a bokoa.”3
Jeso Keresete o a Kgathala
Morago ga Jeso Keresete a sena go tsosa Lasaro mo baswing, “Jeso a lela.
“Foo Bajuta ba re, Bonang jaaka a ne a mo rata!” (Johane 11:35–36).
“Ke na le bopelotlhomogi mo go lona,” Keresete a raya Banefi. Jalo a bitsa balwetse le ba ba mo pitlaganong, digole tsa bone le difofu, mme “a ba fodisa” (bona 3 Nefi 17:7–9).
Mmoloki o re beetse sekao jaaka a re supegetsa go kgathalela ba bangwe. O re rutile
“O rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago.
“E ke ya ntlha le e kgolo taelo.
“Mme ya bobedi e tshwana le yone, O rate wa gaeno jaaka o ithata” (Mathaio 22:37–39)
Ke mang yo o tlhokang kgathalo ya gago? O ka ba supegetsa jang gore o a kgathala?
© 2018 ka Kutlwisiso e e Beilweng, Inc. Tetla tsotlhe di beilwe. E gatisitswe mo USA. Tetla ya Sekgoa: 6/17. Tetla ya Thanolo: 6/17. Thanolo ya Ministering Principles, December 2018. Tswana. 15056 763