2019
Re Ka dira Jang Mokgwa wa go Akaretsa mo Kerekeng?
Phukwi 2019


Setshwantsho
ministering

Melawana ya go Direla, Phukwi 2019

Re Ka dira Jang Mokgwa wa go Akaretsa mo Kerekeng?

Fa re lebelela go dikologa diwate le makalana a rona, re bona batho ba lebegang ba lomagana motlhofo. Se re sa se lemogeng ke gore le mo gare ga bao ba ba lebegang ba lomagana, go na le ba le bantsi ba ba ikutlwang ba sa akarediwa. Patlisiso nngwe, ka sekai, mo bosheng e supile gore go batlile go ka nna sephatlo sa bagolo mo United States ba go begwang ba jewa ke bodutu, ba sa akarediwa, kgotsa ba tlhaotswe mo go ba bangwe.1

Go botlhokwa go ikutlwa o akareditswe. Ke letlhoko la botlhokwa la motho, mme fa re ikutlwa re sa akarediwe, go a hutsafatsa. Go sa akarediweng go ka tlisa maikutlo a bohutsana kgotsa bogale.2 Fa re sa ikutlwe jaaka maloko, re tshabelelwa ke go batla lefelo le re gololesegang thata mo go lone. Re tlhoka go thusa mongwe le mongwe gore ba utlwe gore ke maloko a kereke.

Go Akaretsa jaaka Mmoloki

Mmoloki e ne e le sekao se se itekanetseng sa go naya ba bangwe boleng le go akaretsa ba bangwe. Fa a itshenkela Baaposetole ba Gagwe, O ne a sa elatlhoko seemo, mahumo, kgotsa tiro ya maemo a a ko godimo. O ne a tsaya tsia mosadi wa Mosamaria kwa sedibeng, a mo pakela ka bomodimo jwa Gagwe le ntswa ka fa Bajuta ba neng ba lebela kwa tlase Basamaria ka teng (bonaJohane 4). O leba pelo mme ga se motlhaodi wa batho (bona 1 Samuel 16:7; Doctrine and Covenants 38:16, 26).

Mmoloki o rile:

“Taolo e ntšha Ke a e lo neela, Gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, le gore le lona lo ratane.

“Ka se batho botlhe ba tlaa itse fa lo le barutwana ba me, fa lo ratana” (John 13:34–35)

Re Ka Dira Eng?

Nako tse dingwe go thata go bolela fa mongwe a ikutlwa ekete o kwa ntle. Batho ba bantsi ga ba go bue—le gale e seng mo go utlwalang thata. Ka pelo ya lorato, kaelo ya Mowa o o Boitshepo, le maiteko a go lemoga, re ka lemoga fa mongwe a sa ikutlwe a akareditswe mo diphuthegong le ditiro tsa Kereke.

Dikgonagalo tsa Ditshupo tse Mongwe A ka ikutlwang a Sa Akarediwe:

  • Puo ya mmele e e fitlhegileng, jaaka go itshopara thata kgotsa matlho a digilwe.

  • Go nnela kwa morago mo ntlwaneng kgotsa go nna o le nosi.

  • Go sa tseneng kereke kgotsa go sa tseneng ka gale.

  • Go tlogela diphuthego kgotsa ditiro go sa le ga le.

  • Go sa tseyeng karolo mo dipuisanong kgotsa dithuto.

Se e ka nna ditshupo tsa maikutlo mangwe gape, jaaka ditlhong, tlalelo, kgotsa a sa gololosega. Maloko a ka ikutlwa a “farologanye” fa e le maloko a masha a Kereke, ba tswa kwa lefatsheng le lengwe kgotsa ngwao, kgotsa a sa tswa go itemogela phetogo ya botshelo e e tshosang mo bosheng, jaaka tlhalo, loso la mongwe wa leloko la lelwapa, kgotsa go bowa go sa le gale go tswa kwa thomong ya efangele.

Go sa kgathelesege lebaka, ga re a tshwanela go etsaetsega go fitlhelela go ba bangwe ka lorato. Se re se buang le se re se dirang se ka tlhola maikutlo a gore botlhe ba amogelesega le gore botlhe ba a tlhokega.

Ditsela dingwe tsa go Akaretsa le go Amogela:

  • Se nne ka metlha le batho ba le bangwe mo kerekeng.

  • Leba go feta ditebego tsa batho go bona motho wa boammaaruri. (Go bona thata ka setlhogo se, bona “Go Direla ke go Bona ba Bangwe jaaka Mmoloki a ba Bona,” Liahona, Seetebosigo 2019, 8–11.)

  • Akaretsa ba bangwe mo dipuisanong.

  • Laletsa ba bangwe go nna karolo ya botshelo jwa gago. O ka ba akaretsa mo ditirong tse o setseng o di rulaganya.

  • Batla le go agela mo dikgatlhegong tse di tshwanang.

  • O seka wa gana botsala ka ntlha ya gore mongwe ga a kgotsofatse ditsholofelo tsa gago.

  • Fa o bona sengwe se se pharologanyo ka motho, nna le kgatlhego mo go sone mo boemong jwa go se fitlha kgotsa go se itlhokomolosa.

  • Supa lorato le go neela dikgakolo tse di tswang mo boteng jwa pelo.

  • Tsaya nako go akanya ka ga gore go raya eng tota fa re re Kereke ke ya mongwe le mongwe, go sa kgathelesege dipharologanyo tsa bone. Re ka dira jang se boammaaruri?

Ga go motlhofo ka metlha go ikutlwa o gomotsegile mo gare ga batho ba ba farologanyeng le rona. Mme ka go dira, re ka tokafala mo go boneng boleng mo dipharologanong le go lebogela dithuso tse di farologaneng tse motho mongwe le mongwe a di tlisang. Jaaka Mogolwane Dieter F. Uchtdorf wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi a rutile, dipharologano tsa rona di ka thusa go re tokafatsa, batho ba ba itumetseng: Tlayang, re thuseng go aga le go nonotsha mokgwa wa go fodisa, bopelotlhomogi, le kutlwelobotlhoko mo baneng botlhe ba Modimo.”3

Go Segofadiwa ke go Akaretsa

Christl Fechter o ne a fudugela kwa lefatsheng le lengwe morago ga gore ntwa e senye lefatshe la ga bone. O ne a sa bue puo sentle e bile o ne a sa itse ope mo tikologong ya gagwe e ntsha, jalo lantlha o ne a ikutlwa a tlhaolesegile e bile a le nosi.

Jaaka leloko la Kereke, a nna pelokgale mme a simolola go tsena kwa wateng ya gagwe e ntšha. O ne a tshwenyega gore go bua ga gagwe mo go gatelelang mafoko go tlaa kganela batho mo go batleng go bua nae kgotsa gore o tlaa atlholwa go bo a sa nyalwa.

Mme o ne a kopana le ba bangwe ba ba neng ba ikgatholosa dipharologano tsa gagwe mme ba mo amogela mo setlhopheng sa bone sa ditsala. Ba ne ba mo fitlhelela ka lorato, mme ka bonako a iphitlhela a tlhagafetse a thusa go ruta tlelase ya Poriemari. Bana e ne e le dikai tse dikgolo tsa kamogelo, le maikutlo a go ratiwa le a a tlhokegang go nonotsha tumelo ya gagwe le go thusa go tukisa gape boineelo jwa gagwe jwa botshelo jotlhe mo Moreneng.

Dintlha

  1. Bona Alexa Lardieri, “Study: Many Americans Report Feeling Lonely, Younger Generations More So,” U.S. News, May 1, 2018, usnews.com.

  2. Bona Carly K. Peterson, Laura C. Gravens, and Eddie Harmon-Jones, “Asymmetric Frontal Cortical Activity and Negative Affective Responses to Ostracism,” Social Cognitive and Affective Neuroscience, vol. 6, no. 3 (June 2011), 277–85.

  3. Dieter F. Uchtdorf, “Believe, Love, Do,” Liahona, Nov. 2018, 48.

Gatisa