2020
Go Direla ka Bokopano jwa Sakaramente
Seetebosigo 2020


“Go Direla ka Bokopano jwa Sakaramente,” Liahona, Seetebosigo 2020

go direla

Ditlhaloso ka Edward McGowan

Melawana ya go Direla, Seetebosigo 2020

Go Direla ka Bokopano jwa Sakaramente

Bokopano jwa sakaramente bo naya dipaka tsa go kopana le go direla.

Bokopano jwa sakaramente ke nako ya go otla semowa le go tlhatlhanya ga mongwe ka Mmoloki le Tetlanyo ya Gagwe. Jaaka re ja sakaramente beke engwe le engwe, re nonotshiwa semowa mmogo (bona Doctrine and Covenats 84:110). Mme bangwe mo diwateng tsa rona le makala ba tla ka mekgweleo e boima kgotsa ga batle gotlhelele.

Fa ke ditshono di se kae tsa ka fa re ka dirisang oura e e boitshepo e e kgethegileng eo go direla ba bangwe le go dira pharologanyo mo matshelong a bone.

Thusa go Dira Bokopano jwa Sakaramente Botoka Mo go Bao ba o ba Direlang

Kgato ya ntlha mo go ithuteng go direla ke go itse batho ka bongwe kgotsa malwapa le matlhoko a one. Go ka tswa go na le ditsela tse o ka thusang go dira maitemogelo a bone a kobamelo ya sakaramente botoka ka mokgwa o o motlhofo ka go ithuta thata ka ga bone.

Mindy, mme yo mo botlana wa bana ba mawelana, maiteko a a motlhofo a mokaulengwe wa gagwe yo o mo direlang a dirile pharologanyo e kgolo mo maitemogelong a gagwe mo bokopanong jwa sakaramente beke engwe le engwe.

“Ka ntlha ya lenaneo la tiro ya monna wa me, ke tsamaya le mawelana a rona a banyana kwa kerekeng ka bo nna beke le beke,” Mindy o a tlhalosa. Go a feeketsa e le ruri go leka go wetsa bokopano jwa sakaramente yotlhe ka bana ba ba bedi ba ba matlhagatlhaga, mme mokaulengwe wa me yo o ntirelang o tsere maikarabelo a go nthusa.

“O nna le rona mme o nthusa go tlhokomela basetsana ba me beke le beke. Go nna nae fela fa thoko ga me go botlhokwa thata mo go nna mme ruri go fokotsa matshwenyego a me mo metsotswaneng ya bone ya pontsho ya tshakgalo kgotsa mabetwa e pelo. Ga ke akanye fa a tla itse ka fa ditiro tsa gagwe di ntlhotlheleditseng ka teng ka nako e mo botshelong jwa me. O ne a bona letlhoko la me jaaka mme yo mmonye, yo o tletseng ka matshwenyego, mme o nthusa go dira kereke go nna lefelo la kagiso le boitumelo mo go rona rotlhe.”

Megopolo go Thusa Bao ba ba nang le Matlhoko a tlhomamo

  • Begela baeteledipele ba khoramo ya bagolwane le ba Mokgatlho wa Thuso ka ga matlhoko a maloko.

  • Baeteledipele ba rulaganya dipuisano tsa bokopano jwa sakaramente go thusa go tlamela matlhoko a maloko. Fa bao o ba direlang ba ka thusega ka go utlwa molaetsa mongwe, abelana mogopolo le baeteledipele ba gago.

  • Fa o itse gore mongwwe o na le bogole kgotsa a ilwa ke dijong dingwe mo go ba kganelang go itumelela ditshegofatso tsa sakaramente, ba botse dintlha ka botlalo le gore ke thuso efe e e ka dirwang go tokafatsa maitemogelo a bone a go obamela. Abelana kitso e le baeteledipele ba gago.

  • Fa mongwe yo o mo direlang kgotsa yo o itseng ka ga ene a sa kgone go tloga mo gae, le fa e le ga se nnela ruri kgotsa ga nakwana, kopa bishopo wa gago fa ba ka neelwa sakaramente ba le kwa gae. O ka tsaya dintlha ka nako ya bokopano jwa sakaramente mme wa di abelana ka mogala, ka emaile, kgotsa ka bo wena.

  • Fa mongwe yo o mo direlang ana le bana ba bannye, o ka ithaopa go ba thusa ka nako ya bokopano jwa sakaramente.

  • Fa bao o ba direlang ba sa tle gantsi kwa bokopanong jwa sakaramente, leka go tlhaloganya le go elatlhoko ditsela tse o ka thusang. Fa ba tlhoka sepalamo, o ka ba pega. Fa ba ikutlwa ba sa rotloediwe ke malwapa a bone, o ka ba laletsa go nna le wena. O ka dira ditaletso tse di tlhaolegileng go ba thusa go ikutlwa ba amogelesegile mme ba batlega mo bokopanong jwa sakaramente.

Gakologelwa, Tshupetso e e Motlhofo e ka Dira Pharologanyo

Go buisana ka ga go direla, Sister Jean B. Bingham, Poresidente ya Kakaretso ya Mokgatlho wa Thuso, o ne a ruta: “Ka dinako dingwe re akanya gore re tshwanetse go dira sengwe sa seemo se se kwa godimo le sa bogaka go ‘bala’ jaaka re direla baagisanyi ba rona. Le fa gontse jalo ditiro tse di motlhofo tsa tirelo di ka nna le ditlamorago tse di boteng mo go ba bangwe—ga mmogo le mo go rona.”1

Mo wateng e ennye kwa Belgium, Evita gantsi o ineela go ranolela baeng ba ba buang Sepanishe le maloko ka nako ya bokopano jwa Kereke. Nako ngwe, Evita o ne a tsisiwe mongwe go tswa kwa Dominican Republic yo o neng a ithuta ka ga Kereke. O ne a itse Sekgoanyana, mme Sepanishe e ne e le puo ya gagwe ya tlholego. Ka jalo Evita o ne a ineela ka tidimalo go mo ranolela mo bokopanong jwa sakaramente jalo a ikutlwa a phuthologile thata.

“Go ranola ka dinako dingwe go ka dira Sabata ya me go nna le ditiro di le dintsinyana thata,” Go bua Evita. “Mme go latedisa ditlhotlheletso go kopa ba bangwe fa e le ba tlhoka moranodi kwantle ga pelaelo go nneela maikutlo a boitumelo le bokgoni mo go itseng gore ke kgona go ba thusa go utlwa Mowa le go itumelela bokopano jwa bone.”

Megopolo go Thusa ka go Supetsa mo go Motlhofo

  • Buisana le baeteledipele ba gago go bona yo o ka tlhokang tirelo e nngwe ka nako ya bokopano jwa sakaramente. Kgotsa fa o itse ka mongwe yo o tlhokang, netefatsa gore baeteledipele ba gago ba itse ka ga bone.

  • Nna ka tidimalo fa o emetse phuthego gore e simolole. Se se tla thusa “dipelo tse dingwe tse phatlogileng le mewa e e hutsafetseng e e re dikologileng”2 yo o tlhokang kagiso e e ka tlang ka tidimalo mo lefelong le le boitshepo.

  • Ka Sabata ya go ikitsa go ja, akanya ka go tshwaela go ikitsa go ja ga gago le dithapelo mongwe yo o mo direlang yo o ka tlhokang kgomotso enngwe.

  • Rapela go ka itse fa go na le mongwe yo a ka thusegang ka go nna go bapa le ene kgotsa gaufi le bone ka nako ya bokopano jwa sakaramente kgotsa fa go na le tsela ngwe e o ka thusang.

Bokopano jwa Sakaramente E ka nna Lefelo le le Amogelang Botlhe

Poresidente Joseph Fielding Smith (1876–1972) o rutileg, “Bokopano jwa sakaramente bo boitshepo thata, bo boitshepo thata, mo dikopanong tsotlhe tsa Kereke.”3 Ka ntlha ya se, go botlhokwa go netefatsa gore botlhe ba ba tlang bokopanong jwa sakaramente ba ikutlwa ba amogelesegile mme ba tlametswe semowa—segolo bogolo maloko a masha kgotsa maloko a a ntseng a sa tle ka lobakanyana.

Merania go tswa kwa New South Wales, Australia, a tsalana le mosadi yo a neng a ithuta ka Kereke mo wateng ya gagwe. “O nnile nngwe ya ditsala tsa me tse di rategang jaanong,” Merania a rialo. “Ke rata go nna le ene mo bokopanong jwa sakaramente beke le beke, mme ka metlha ke botsa gore o dira jang le gore a go na le sengwe se nka se dirang go mo thusa.” Morago ga lobakanyana, Tsala ya ga Merania e ne ya kolobediwa. Maiteko a maloko a wate, ga mmogo le maikutlo a a amogelang mo bokopanong jwa sakaramente, bo dirile seabe ditshamekile karolo e kgolo mo tshwetsong ya gagwe.

Megopolo go Direla Maloko a boang kgotsa a Masha

  • Fa e le gore o ya go bua mo bokopanong jwa sakaramente, o ka laletsa ditsala, lelwapa, le ba bangwe go tla go reetsa molaetsa wa gago.

  • O ka lebelela le go amogela bao ba ba nosi kgotsa ba ba ka tlhokang thuso. Kopa fa o ka nna nabo kgotsa go ba laletsa go nnna nao.

  • Fa bokopano bo tswa, o ka laletsa bao ba o ba direlang le ba bangwe go tla ditiro tsa Kereke tse di rulagantsweng, kwa tempeleng, kgotsa kwa maitisong.

  • Fa mongwe yo o mo direlang a tla bokopanong jwa sakaramente mme a ntse a sa tle ka lobakanyana, o ka ba botsa fa ba na le dipotso ka ga se se rutilweng. Ba bolelele gore ba amogelesega ka metlha yotlhe go tla kwa go wena fa go na le mafoko, polelo, kgotsa karolo ya thuto e ba sa e tlhaloganyang. Le ka lebelela dikarabo mmogo fa go tlhokega.

Dintlha

  1. Jean B. Bingham, “Ministering as the Savior Does,” Liahona,May 2018, 104.

  2. Jeffrey R. Holland, “Behold the Lamb of God,” Liahona, May 2019, 46.

  3. Joseph Fielding Smith, in Conference Report, Oct. 1929, 60–61.