2020
Go direla ka Tlayang, Ntshaleng Morago
Lwetse 2020


“Go direla ka Tlayang, Ntshaleng Morago,” Liahona, Lwetse 2020

Setshwantsho
go direla

Melawana ya go Direla, Lwetse 2020

Go direla ka Tlayang, Ntshaleng Morago

Tlayang Ntshaleng Morago, e ka go thusa jang go dira pharologanyo mo matshelong a ba bangwe?

Le fa o na le lelwapa la gago, mo ntlwaneng ya borutelo ya Sekolo sa Sontaga jaaka morutintshi kgotsa moithuti, kgotsa kwa sekolong, tirong, kgotsa golo gongwe go sele, ithutontsho ya dikwalo tse di boitshepo ka Tlayang, Ntshaleng Morago e neela mabaka a mantsi go direla ba bangwe. Go ruta, le fa go le jalo, “go feta go etelela pele puisano ka Sontaga, go akaretsa go direla ka lorato le go segofatsa ba bangwe ka efangele.”1

Go golagana le baithuti

Fa Ofelia Trejo de Cárdenas a ne a bidiwa go ruta banana mo wateng ya gagwe ya Mexico City, a ikutlwa gore go nna le botsalano le mongwe le mongwe wa baithuti ba gagwe ba Sekolo sa Sontaga go ka godisa bokgoni jwa gagwe jwa go ruta le go ba nonotsha.

“Fa ke sena botsalano le baithuti ba me e bile fa ba sa utlwe lorato lwa me, ba ka se ntumele fa ke ruta tlelase kgotsa ke neela bopaki jwa me,” a rialo. “Ba ka utlwa o ka re ke morutintshi fela wa Sekolo sa Sontaga.”

Mme Kgaitsadi Cárdenas o ka simolola jang botsalano jo bo ntseng jalo fa a ruta fela gangwe mo bekeng tse pedi? O bone karabo ka botegeniki. Go dirisa lenaneo tiriswa la mogala wa letheka WhatsApp, ene le baithuti ba gagwe ba ne ba tloga ba golagana letsatsi le letsatsi ka molaetsa khutshwe ya mogala wa letheka kgotsa melaetsa ya lentswe. Jaanong, letsatsi lengwe le lengwe pele ga thuto ee latelang ya Sekolo sa Sontaga, moithaopi wa tlelase o romelela maloko a mangwe a tlelase temana ya dikwalo tse di boitshepo go tswa mo thutong e e latelang ka kakanyo ya gagwe e e amanang. Morago ga go bala temana le kakanyo, maloko a tlelase a fetola ka dikakanyo tsa bone.

“Fa ba bala dikwalo tse di boitshepo, ba romela sefatlhogo se se itumetseng gore ke itse gore ba badile kgotsa ba ithutile lekwalo le le boitshepo le gore ba akantse ka lone,” go bua Kgaitsadi Cárdenas. Fa e le nako ya thuto ya Sontaga o o latelang, baithuti ba ipaakanyetsa go tsaya karolo.

Kgolagano e ya letsatsi le letsatsi mo bosheng e segofaditse banana bao batsadi ba bone ba ba seng tlhaga mo Kerekeng.

“Ke a rata fa ke mmona a tla kerekeng ka ntlha ya gore ke a itse gore go fitlha foo, o ne a tshwanetse go ralala dikgwetlho di le mmalwa,” go bua Kgaitsadi Cárdenas. “Ke nnetefatsa gore mafoko a a boitshepo le dikakanyo tse baithuti ka ene ba di rometseng le dikwalo tse di boitshepo le dikakanyo tse a di rometseng fa e ne e le nako ya gagwe di mo nonotshitse thata.”

Kgaitsadi Cárdenas a re go direla ka dikwalo tse di boitshepo ga go eme ka thuto ya gagwe ya Sontaga le kgolagano ya tlelase ya gagwe ya letsatsi le letsatsi ya dikwalo tse di boitshepo.

“Paakanyetso ya me e akaretsa go rapelela baithuti ba me,” a rialo. “Ga ke akanye ka bone fela ka Sontaga mme le letsatsi lengwe le lengwe la beke. Mongwe le mongwe wa bone o na le matlhoko a tlhomamo le a a farologanyeng. Mongwe le mongwe ke ngwana wa Modimo. Ke akanya ka bone ga ke baakanyetsa dithuto tsa me.”

Mme fa a ruta, o a reetsa—botlhe baithuti ba gagwe le Mowa o o Boitshepo.

“Morutintshi ke Mowa,” o gantsi a o utlwang mo mantsweng a baithuti ba gagwe. “Ke tshwanetse go tsaya tsia gonne se ba se buang ke tshenolo eo Mowa o ba e neelang.”

Tlelase ya rona e “Tshwana le Maitiso a Mogae”

Carla Gutiérrez Ortega Córdoba o ikutlwa a segofetse go nna leloko la tlelase ya ga Kgaitsadi Cárdenas ya Sekolo sa Sontaga ka ntlha ya tikologo ya yone e e godisang le go direla. Carla o kaela tikologo eo mo dilong di le mmalwa, tse di akaretsang:

  • Paakanyetso: Go abelana dikwalo tse di boitshepo le dikakanyo go thusa baithuti go baakanyetsa tlelase e e latelang. “Go bala dikwalo tse di boitshepo letsatsi le letsatsi go a re nonotsha e bile go oketsa kitso ya rona,” a tlhalosa.

  • Go tsaya karolo: “Re bua rotlhe. Se se ntetlelela go itse baithuti ka bo nna thata thata, jaaka ditsala le jaaka bakaulengwe le bokgaitsadi.”

  • Lorato: “Kgaitsadi Cárdenas o go tsaya ka seatla. Tlelase ya rona e utlwala jaaka maitiso a mogae, ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mmalwa. E tlhaolegile thata.”

  • Mowa o o Boitshepo: “Re na le mowa wa boipelo, boitumelo mo tlelaseng ya rona ka ntlha ya gore re na le mokgwa o letlelelang gore Mowa o nne teng.”

  • Bopaki: “Tlayang, Ntshaleng Morago e nthusitse go iketleeletsa go abelana bopaki jwa me. Ke na le kitso e e tseneletseng ya Buka ya ga Momone le Baebele. E e ntetlelelang go abelana se ke se ithutang le baithuti ba me kwa sekolong le batho kwa tirong.”

Go direla mo Matlhokong a Semowa

Fa Greg and Nicky Christensen, go tswa Kentucky, USA, ba bala ka ga kgolagano ya ga Aberahame mo dikwalong tse di boitshepo le barwa ba bone ba bararo, ba bona go le thata go ba tlhalosetsa. Ba swetsa jaaka lelwapa gore mongwe le mongwe wa bone o tlaa ithuta kgolagano ya ga Aberahame ka bo ene mme morago ba abelane se ba se boneng.

“Re amogetse ditshwaelo tse di kgatlhang,” go bua Greg “Ngwana wa rona yo o dingwaga tse di ferangbobedi o ithutile gore leina la ga Aberahame le kile la nna Aberame. Leina la gagwe le fetogetse go Aberahame ka ntlha ya gore o dirile tsholofetso le Morena go fapoga mo sebeng le go tshela botshelo jo bo siameng. Ke ne ka gakgamala tota gore o ne a lemoga seo.”

Botlhe ba ithutile sengwe se sesha mme ba nnile le puisano e e molemo ka ga se kgolagano ya ga Aberahame e leng yone le gore e raya eng go Baitshepi ba Malatsi a Bofelo gompieno.

“Re ne re tlwaetse go dikologa fela mo ntlwaneng le go refosanya go bala ditemana tsa lekwalo le le boitshepo ka ithutontsho ya lelwapa ya dikwalo tse di boitshepo,” ga bua Nicky. “Tlayang, Ntshaleng Morago e elatlhoko thata go ruta ka Mowa. Jaanong fa re ithuta mmogo, ke utlwa go kubetseganyana go tswa mo Moweng go isa dipuisano tsa rona mo ntlheng e e farologanyeng go ikaegile ka matlhoko a lelwapa la rona.”

Go dirisa Tlayang, Ntshaleng Morago ga go a thusa fela lelwapa la bone go tsenelela thata le go kgatlhegela ithutontsho ya lelwapa ya efangele, mme le gone e thusitse Greg le Nicky go direla matlhoko a semowa a bana ba bone.

Tlayang, Ntshaleng Morago e nthusa go ruta bana ba me,” ga bua Nicky. E nthusa gore ke kgone dikgwetlho tse di farologaneng tse ka dinako dingwe ke nnang le tsone le bana ba me. Ke ikutlwa thata ke amana le Mowa, ke reetsa ka kelelelo thata, mme ke amogetse ditlhotlheletso tsa ka fa ke ka thusang ngwana mongwe le mongwe ka teng.”

Greg o itumelela dipuisano tse di leele tse Tlayang, Ntshaleng Morago e thusang go di tlisa mo lwapeng. “Barwa ba rona botlhe ba farologane fa ba leng teng mo kitsong ya bone ya efangele,” a rialo. “Tlayang, Ntshaleng Morago e re neetse tsela go thusa mongwe le mongwe wa bone go ikaegile mo matlhokong a bone. Go bona ba gola mo loratong la bone la efangele le go ba lebelela ba rarabolola ka fa ba ka dirisang kitso ya efangele mo matshelong a bone ka teng e ntse e le tshegofatso e e gakgamatsang.”

Ntlha

  1. Come, Follow Me—for Sunday School: Book of Mormon 2020 (2019), 19.

Gatisa