“Ke Batla go Sala Jeso morago,” Friend, Mopitlo 2021
Dipolelo tsa ga Jeso
Ke Batla go Sala Jeso morago
Ka letsatsi lengwe Jeso a pagama mo sekepeng. A kopa batshwari ba ditlhapi go se kgoromeletsa mo metsing. O ne a ema mo sekepeng mme a ruta setlhopha sa batho mo lotshitshing.
Jeso a raya motshwari wa ditlhapi a bidiwa Petere go latlhela matloa a gagwe mo metsing. Petere o ne a re ga ise a tshware tlhapi epe letsatsi lotlhe, mme o tla leka gape. Nako e, Petere a tshwara tlhapi tse di lekaneng go tlatsa dikepe tse pedi!
Jeso a kopa batshwari ba ditlhapi go tlogela dikepe tsa bone mme ba Mo sale morago. O ne a batla gore ba nne barutwana ba Gagwe.
“Barutwana ba ga Jeso ba reetsa jaaka A ruta ka ga Rara wa Legodimo. Ba ne ba lebeletse Jeso a fodisa balwetsi le go supa lerato mo go ba bangwe. Morago ga Jeso a sena go swa, barutwana ba ne ba dira se ba boneng Jeso a se dira. Ba ruta, ba fodisa, le go rata.
Nka ruta ba bangwe ka ga Jeso ka se ke se buang le se ke se dirang. Nka fodisa maikutlo a batho ba ba utlwileng botlhoko ka bopelonomi. Nka thusa go tlhokomela batho ba ba lwalang le ba ba humanegileng. Ke tla supa lerato, jaaka Jeso.
Tsebe ya go taka
Go sala Jeso morago Go ntlisetsa Boitumelo
© 2021 ka Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. Printed in USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya Thanolo: 6/19. Thanolo ya Molaetsa wa Friend wa Kgwedi le kgwedi, Mopitlo 2021. Puo. 17466 763