2021
Jeso O Re Neile Sakaramente
Seetebosigo 2021


“Jeso o Re Neile Sakaramente,” Friend, Seetebosigo 2021

Molaetsa wa Friend wa Kgwedi le kgwedi, Seetebosigo 2021

Jeso O Re Neile Sakaramente

Luke 22-24

Setshwantsho
Selalelo sa Bofelo

Ditshwantsho ka Apryl Stott

Jeso o ne a itse gore nako ya Gagwe mo lefatsheng e ne e tloga e wela. O ne a phutha Baaposetolo ba Gagwe go ja Selalelo sa Bofelo. O ba neile sakaramente mme a ba lopa go Mo gakologelwa ka metlha.

Setshwantsho
Jeso mo Tshimong ya Gethesemane

Jeso a ya kwa tshimong go rapela. O tlhokofalela dibe tsotlhe le dilo tse di hutsafatsang mo botshelong jwa motho mongwe le mongwe. Ke gone a swa mo sefapaanong mme a fitlhwa mo phupung.

Setshwantsho
basadi ba etela phupu ya ga Jeso

Mo mosong wa Sontaga morago ga Jeso a sena go swa, basadi bangwe ba tla kwa phupung. Lentswe kwa kgorong le ne le pitikolotswe, mme phupu e ne e le lolea! Jeso o ne a le kae?

Setshwantsho
Jeso a bua le Maria Magatalena

O ne a tshela gape! Maria Magatalena a bona Jeso. A etela Baaposetolo ba Gagwe gore ba ka iketleeletsa go ruta efangele fa A sena go boela kwa legodimong.

Setshwantsho
lelwapa le amogela sakaramente

Fa ke amogela sakaramente, Ke gakologelwa Jeso. Ke gakologelwa gore O tshedile a bo a swa mme a ntsosediwa!

Tsebe ya go Taka

Lelwapa la Me Le Kgethegile

Setshwantsho
lelwapa kwa tafoleng ya dijo tsa maitseboa

Gatisa