“Dikwalo tsa ga Paulo,” Dipolelo tsa Kgolagano e Ntšha tsa Babadi ba ba Botlana, 2019
“Dikwalo tsa ga Paulo”
Molaetsa wa Friend wa Kgwedi le kgwedi, Lwetse 2021
Dikwalo tsa ga Paulo
Moaposetole Paulo o thusitse go etelela pele Kereke morago ga Jeso a sena go boela kwa legodimong. Ka nako eo, go ne go sena megala kgotsa inthanete. Ka jalo Paulo a kwalela maloko a kereke dikwalo.
Paulo o ne a kwalela batho kwa toropong ya Korintha. O ba boleletse gore ba itshwarelane. O ba boleletse gore ba nne pelotelele. O kwadile ka ga Jeso
Paulo o kwaletse batho kwa lefelong le le bidiwang Galatia. O ba boleletse gore ba rate baagisani ba bone. O ba boleletse gore Mowa o utlwala jang.
Dikwalo tsa ga Paulo di ne di le botlhokwa thata mo e leng gore di ne tsa nna karolo ya Baebele. O ka di bala mo Kgolaganong e Ntšha.
Ke ka ithuta go tswa mo dithutong tsa ga Paulo. Ke tlaa reetsa se moperofeti le baaposetole ba se rutang gompieno!
Tsebe ya go Taka
Ke rata Baebele!
Tobetsa mo setshwantshong go daulouda
Setshwantsho ka Apryl Stott
© 2021 ka Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. Printed in USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya thanolo: 6/19. Thanolo ya Monthly Friend Message, September 2021. Setswana. 17471 763