2021
Maeto a ga Paulo a Boanamisa Efangele
Phalane 2021


“Maeto a ga Paulo a Boanamisa Efangele ,” Friend, Phalane. 2021

“Maeto a ga Pauolo a Bonamisa Efangele”

Molaetsa wa Friend wa Kgwedi le kgwedi, Lwetse 2021

Maeto a ga Paulo a Boanamisa Efangele

Bafilipi 4

Moaposetolo Paulo o ile kwa mafatsheng a a farologanyeng go ruta batho ka ga Jeso. Go ne go se na dikoloi kgotsa difofane ka nako eo, jalo o ne a tsamaya thata! Nako dingwe o ne a tsamaya ka sekepe.

Setshwantsho
Paulo a ruta batho mo mmileng wa toropo

Paulo o rutile batho mo dikerekeng le mo magaeng. O rutile batho mo ditlhoreng tsa mantswe tse di tletseng maje le mo mebileng ya toropo.

Setshwantsho
Paulo a lebeletse nonyane go tsa kwa morago ga maphakarego a kgolegelo

Batho ba le bantsi ba ne ba sa rate se Paulo a ne a se ruta. Nako dingwe Paulo o ne a isiwa kwa kgolegelong. Nako dingwe o ne a lwala.

Setshwantsho
Paulo a tsamaya mo tselaneng

Mme mo dilong tse tsotlhe tse di dithata, Paulo o ne a na le tumelo. O rile “nka dira dilo tsotlhe ka Keresete.” O ne a itse gore Jeso o tlaa mo thusa go nna thata.

Setshwantsho
batsadi ba thusa mosetsana go palama baesekele ya gagwe

Jeso Keresete o ka nthusa go nna thata le nna. O a nthata, mme ke a mo rata!

Tsebe ya go Taka

Jeso O Ka Nthusa Go Dira Dilo Tse Di Thata

Setshwantsho
ngwana a rapela fa phefo e e matsubutsubu a tsweletse kwantle

Tobetsa mo setshwantshong go daulouda.

Setshwantsho ka Apryl Stott

Gatisa