“Moše le Mana,” Melaetsa ya Friend ya Kgwedi le kgwedi, Moranang 2022
“Moše le Mana”
Molaetsa wa Friend wa Kgwedi le kgwedi, Moranang 2022
Moše le Mana
Ditshwantsho ka Apryl Stott
Moše e ne e le moperofeti. O gogetse bana ba Modimo kwa lefatsheng la tsholofetso. Ba tsamaile malatsi a le mantsi.
Batho ba ne ba tshwerwe ke tlala. Bane ba sena dijo. Ka jalo Modimo a ba romelela dijo go tswa kwa legodimong. Ene e bidiwa mana.
Moso mongwe le mongwe, batho ba gola mana go ja. Mme e ne e sa nne e siame go fitlha mo mosong Ba ne ba tshwanelwa ke go gola gape mo mosong.
Mana e re gakolola ka ga Jeso Keresete. Modimo o rometse mana go boloka batho. Gape o rometse Jeso mo lefatsheng go re boloka. Re tlhoka Jeso ka malatsi otlhe, fela jaaka re tlhoka dijo letsatsi le letsatsi.
Ke tla sala Jeso Keresete morago. O tla nneela maatla le go nthusa go utlwa lerato la Gagwe letsatsi lengwe le lengwe.
Tsebe ya go Taka
Re Tlhoka Jeso Letsatsi le letsatsi
Tobetsa mo setshwantshong go se laisolola.
Setshwantsho ka Apryl Stott
Jeso o go thusa jang?
© 2022 ka Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. Printed in USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya thanolo: 6/19. Thanolo ya Molaetsa wa Friend wa Kgwedi le kgwedi, Moranangng 2022. Setswana. 18314 763