Tsala
Jakobe le Nefi ba bone Jeso
Mopitlo 2024


“Jakobe le Nefi ba Bone Jeso,” Friend, Mopitlo 2024, 26– 27.

Molaetsa wa Friend wa Kgwedi le kgwedi, Mopitlo 2024

Jakobe le Nefi ba bone Jeso

Setshwantsho
alt text

Ditshwantsho ka Andrew Bosley

Jakobe e ne e le monnawe Nefi. O tshotswe morago ga gore lelwapa la bone le tloge mo Jerusalema. Jakobe o tlile mo lefatsheng la tsholofetso e le ngwana.

Setshwantsho
alt text

Jakobe le Nefi ka bobedi ba bone Jeso Keresete. Ba abelane bopaki jwa bone le malwapa a bone go ba thusa go ithuta ka Jeso.

Setshwantsho
alt text

Ba ne ba abelana mafoko a moporofeti Isaia le bone. Isaia le ene o ne a bone Jeso mme a kwala ka Ene mo dikwalong tse di boitshepo. Jakobe le Nefi ba dirisitse mafoko a ga Isaia go tswa mo dikwalong tse di boitshepo go ruta malwapa a bone ka Jeso.

Setshwantsho
alt text

Ba ne ba ruta gore Jeso o tlaatla mo lefatsheng. O tla swa mme a tshele gape. Ba ne ba abelana bopaki jwa bone jwa ga Jeso Keresete gore malwapa a bone a ka lebelela go tla ga Gagwe.

Tsebe ya go Taka

Jeso ke Mmoloki wa rona

Setshwantsho
alt text mo

Setshwantsho ka Adam Koford

O utlwa leng lorato la ga Jeso?

Gatisa