Thapelo Ke Eng? Friend, Moranang 2024, 46–47.
Molaetsa wa Friend wa Kgwedi le kgwedi, Moranang 2024
Thapelo Ke Eng?
Ditshwantsho ka Apryl Stott
Thapelo ke ka fa re buang le Rara wa Legodimo ka teng.
Re kgona go rapela nako nngwe le nngwe, gongwe le gongwe. Rara wa Legodimo o tla re utlwa.
Re dirisa mafoko a a kayang lorato le tlotlo fa re rapela.
Re lebogela Rara wa Legodimo ditshegofatso tsa rona. Gape re ka mo kopa thuso.
Ke kgona go utlwa lorato lwa ga Rara wa Legodimo nako e nngwe le e nngwe fa ke rapela!
Tsebe ya go Taka
Ke kgona go rapela Rara wa Legodimo
Setshwantsho ka Adam Koford
O rapela ka ga eng?
© 2024 ka Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. Printed in USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya thanolo: 6/19. Thanolo ya Molaetsa wa Friend wa Kgwedi le kgwedi, Moranang 2024. Language. 19288 763