Tsala
Dikgolagano le Maikarabelo
Motsheganong 2024


Molaetsa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Phukwi 2024

Dikgolagano le Maikarabelo

Dinopolo

Setshwantsho
alt text

Bafilipi

Kgolagano ke maitlamo a go fitlhelela maikarabelo mangwe. Maitlamo a motho a botlhokwa go laola matshelo a rona le mo perekong ya setshaba. …

Fa nako e goroga ya Tsosoloso ya Efangele ya ga Jeso Keresete ka botlalo, Modimo a bitsa Moporofiti Joseph Smith. … [Buka ya ga Momone] ke karolo e tona ya Tsosoloso ya efangele ka botlalo, re akaretsa lenaneo la Modimo ka bana ba Gagwe, gape Buka ya ga Momone e tletse ka dikao tsa dikgolagano. …

Dikgolagano di ne di le motheo mo Tsosolosong ya efangele. Se se iponaditse mo dikgatong tsa ntlha tse Morena a laotseng Moporofeti go di tsaya mo go rulaganyeng Kereke ya Gagwe. …

Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo e aga ditempele lefatshe ka bophara. Tiro ya tsone ke go segofatsa bana ba Modimo ba kgolagano ka kobamelo ya tempele le ka maikarabelo a itshekileng le dinonofo le ditshegofatso tse di hapegileng tsa go tshwaragana le Keresete go amogela kgolagano.

Kereke ya ga Jeso Keresete e itsege jaaka kereke e gatelelang go dira dikgolagano le Modimo. Dikgolagano di tsewa mo ditaong tsa poloko le kgalalelo ya bosakhutleng tse di dirwang mo Kereke e tsosolositsweng. Tao ya kolobetso le dikgolagano tse golaganeng le yone ke ditopo tsa go tsena mo bogosing jwa selesetiale. Ditao le dikgolano tse di amanang le tsa tempele ke ditopo tsa kgalalelo ya bosakhutleng mo bogosing jwa selesetiale jo eleng botshelo jo bosakhutleng le “e e fetang dineo tsotlhe tsa Modimo ka bogolo” [Dithuto le Dikgolagano 14:7]. Se ke boremelelo jwa Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo.

Gatisa