2021
Tshenolo e e Tswelelang
Mopitlo 2021


“Tshenolo e e Tswelelang,” For the Strength of Youth, Mopitlo. 2021, 16.

Molaetsa wa For the Strength of Youth wa Kgwedi le kgwedi, Mopitlo 2021

Tshenolo e e Tswelelang

Go tswa mo puisong ya khonferense ya kakaretso Moranang 2020.

Moporofeti Joseph Smith o ne a amogela tshenolo morago ga tshenolo . Ditshenolo tse dintsi tse di amogetsweng ke Moporofeti Joseph Smith di dibeletswe rona mo Dithuto le Dikgolagano.

Go tlaleletsa, re segofaditswe ka tshenolo e e tsweletseng mo baporofeting ba ba tshelang bao “ba e leng baemedi ba ba romilweng ba Morena, ba laotswe go Mmuelela.”1

Tshenolo ya motho le yone e teng mo go botlhe ba ba batlang kaelo ka boikokobetso go tswa mo Moreneng. E botlhokwa fela jaaka tshenolo ya seperofeti.

Tshenolo ya motho e ikaegile ka dinnete tsa semowa tse di amogelwang mo Moweng o o Boitshepo. Mowa o o Boitshepo ke mosenodi le mopaki wa nnete yotlhe, bogolo thata eo ya Morekolodi. Kwantle ga Mowa o o Boitshepo, re ne re sa kake ruri ra itse gore Jeso ke Keresete. Tiro ya gagwe ya ntlha ke go supa ka ga Rara le Morwa le maemo a Bone le kgalalelo ya Bone.

Ke le netefaletsa gore kaelo ya tshenolo e ka amogelwa ke mongwe le mongwe wa rona fa re dira ka boikokobetso mo tshimong ya mofine ya Morena.

Kopo ya me ya boikokobetso ke gore mongwe le mongwe wa rona o tlaa senka tshenolo e e tswelelang go kaela matshelo a rona le go sa la morago Mowa jaaka re obamela Modimo Rara le Mmoloki wa rona, Jeso Keresete.

Ntlha

  1. Hugh B. Brown, “Joseph Smith among the Prophets” (Sixteenth Annual Joseph Smith Memorial Sermon, , Logan Institute of Religion, Dec.7, 1958), 7.

Gatisa