2021
Go itemogela Nonofo ya go Itshwarela
Seetebosigo 2021


“Go itemogela Nonofo ya go Itshwarela,” Go Nonofo ya Banana, Seetebosigo 2021, 10–11.

Tlayang,Ntshaleng Morago

Go itemogela Nonofo ya go Itshwarela

Morena o re laetse go itshwarela ba bangwe. O tla re thusa go tshegetsa ditaelo tsa Gagwe, go akaretsa e.

Doctrine and Covenants 64:10

Setshwantsho
mosadi a lebeletse mongwe go mo otlolela letsogo

Setshwantsho ka James Madsen

A ditaelo dingwe di lebega di le thata go di tshegetsa go na le tse dingwe?

E ke nngwe ee tshosang batho ba le bantsi: “Nna, Morena, Ke tlaa itshwarela yo Ke ratang go mo itshwarela, mme lona le tlhoka gore lo itshwarela batho botlhe” (Doctrine and Covenants 64:10).

Lebelela. Re tshwanetse go itshwarela mongwe le mongwe yo o re foseditseng? A seo le gone se a kgonagala?!

Ke selo se le sengwe go itshwarela mongwe go go raa sengwe se se sa siamang kgotsa go tsaya borotho jwa bofelo mo tafoleng ya dijo tsa maitseboa. Mme go tweng ka ga dintho tse di boteng? Melato e e tseneletseng eo e e ka tlhakatlhakanyang kgotsa le gone go fetola ntlha ya matshelo a rona?

Ka dinako dingwe bokgoni jwa go itshwarela mongwe yo o re utlwisitseng botlhoko thata bo ka utlwala bo sa kgonagale.

Fa ke mafoko a a molemo: Ka thuso ya ga Jeso Keresete, ga re a kganelelwa ka gope mo go se re ka se dirang ka bo rona.

Thuso e A neng a e Tlhoka

Mokeresete wa morapedi go tswa Netherlands yo o bidiwang Corrie ten Boom o bone ka tlhamalalo thata ya go lopa Modimo go mo thusa go itshwarela mongwe.

Ene le monnawe Betsy ba ne ba tlhatlhetswe mo kampeng ya batlhoriswa ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II. Corrie le ba bangwe ba itshokela kgokgontsho e e maswe thata go tswa mo badiseng-dikago tsa kgolegelo ya Nazi. Monnawe Betsy o ne le gone a swa ka ntlha ya kgokgontsho eo. Corrie a falola.

Morago ga ntwa, Corrie a bona thata e e fodisang ya go itshwarela ba bangwe. O ne gantsi a abelana molaetsa mo mafelong a a mo phatlalatseng. Le fa go ntse jalo letsatsi lengwe mafoko a gagwe a ne a tsengwa mo tekong ya bofelo.

Morago ga puisano le batho mo phatlalatseng, Corrie o ne a atamelwa ke mongwe wa badisa-dikago tsa kgolegelo yo o setlhogo thata mo dikampeng.

O ne a bolelela Corrie gore o ne a nna Mokeresete e sale ka ntwa e bile o ikwatlhaetse dilo tse di maswe tse a di dirileng e le modisa-dikago tsa kgolegelo.

O ne a ntsha seatla sa gagwe mme a re, “A o tla intshwarela?”

Le ntswa tsotlhe tse a di ithutileng le go di abelana ka ga go itshwarela ba bangwe, Corrie o ne a sa kgone go amogela seatla sa monna yo le go mo itshwarela—e seng ka bo ene, ntswa go ntse jalo.

Morago o ne a kwala, “Fela jaaka dikakanyo tsa bogale, ipusolosetso di ne di bela mo go nna, Ka bona boleo jwa tsone. … Morena Jeso, Ka rapela, intshwarele mme o nthuse go mo itshwarela.

“Ka leka go nyenya, [mme] Ka sokola go tsholetsa seatla sa me. Ke ne ke sa kgone. Ka seka ka utlwa sepe, le fa e le letlhasedinyana la mofuthu kgotsa lorato. Mme jalo gape Ka ntsha thapelo ka tidimalo. Jeso, ga Ke kake ka mo itshwarela. Nnaya boitshwarelo jwa Gago.

“Fa ke tsaya seatla sa gagwe selo se se sa dumelegeng sa diragala. Go tswa mo legetleng go ya ka letsogo la me le ka seatla ga elela moela wa mowa wa lebega o feta go tswa mo go nna go ya kwa go ene, fa mo pelong ya me ga biloga lorato go moeng yo le le batlileng go mphekeetsa.

“Mme jalo ka bona gore ga se mo boitshwarelong jwa rona ka gope go na le go feta molemo wa rona o phodiso ya lefatshe e itshegeditseng ka one, mme mo go jwa Gagwe. Fa A re bolelela gore re rate baba ba rona, O neela, go ya le taelo, lorato ka bo lone.”1

Modimo o teng go go thusa go tshegetsa ditaelo tsa Gagwe, go akaretsa taelo ya go itshwarela—lefa go le thata. O ka go thusa fela jaaka a thusitse Corrie ten Boom.

Phodiso e e Go Tshwanetseng

Botshelo bo bolalome. Bo tlhakatlhakane. Mme gotlhelele bo tletse ka batho ba ba nang le boitshenkelo jo Modimo a bo ba neileng.

Ka dinako tseo fa mongwe a dira tshweetso e e go tsosetsang botlhoko jo bo tseneletseng—kgotsa le gone ka phoso a dira jalo—o ka amogela thata e e fodisang fa o rapelela thuso mme o leka go itshwarela.

Go itshwarela ba bangwe go tlisa phodiso mo moweng wa gago. Ka thuso ya Modimo, jaaka o itshwarela mongwe yo o go foseditseng, o ntsha mokgweleo o o boitshegang mo magetleng a gago o o ka tswang o go kganela. Le fa tsela e e yang kwa phodisong ya boammaaruri e utlwala e le thata, ka Modimo, ga o kitla o tshwanela go e tsamaya o le esi.

Dintlha

  1. Corrie ten Boom, The Hiding Place (1971), 215.

  2. Jeffrey R. Holland, Oct. 2018 general conference (Ensign kgotsa Liahona, Ngwanaatsele. 2018, 79).

Gatisa