2021
Boperesiti jwa Modimo
Phatwe 2021


“Boperesiti jwa Modimo,” Ya Nonofo ya Banana, Phatwe 2021, 20–21.

Molaetsa wa Kgwedi leKgwedi wa Ya Nonofo ya Banana Phatwe 2021

Boperesiti jwa Modimo

Doctrine and Covenants 84

Se monana mongwe le mongwe a tshwanetseng go se itse ka ga boperesiti le kgolagano ya bone mo go bone.

Setshwantsho
monana

a o kile wa lemoga ka fa go ka tsietsang ka teng fa lefoko le le lengwe le dirisiwa ka ditsela tse pedi? Sekai, mo Sekgoeng lefoko lefatshe le raya gotlhe ka ga polanete e re nnang mo go yone le mmu o o ka fa tlase ga dinao tsa rona. Tsotlhe di siame, mme se o se rayang fa o dirisa lefoko se laolwa ke se o buang ka ga sone mo sebakeng seo. Go dira gore go tsietse thata, fa lefatshe le raya polanete ya rona, e akaretsa le gone mogopolo wa mmu, gonne mmu o mo polaneteng.

Go tlhalosa lefoko Boperesiti

Lefoko le le lengwe le re le dirisang mo Kerekeng ka ditsela di le pedi boperesiti. Lefoko le bua ka ga thata yotlhe le taolo ya Modimo. Le fa gontse jalo, le rona re dirisa boperesiti ka tsela e e lekanyeditsweng thata—go bua ka ga “thata le taolo e Modimo a e nayang ba tshegetsa boperesiti ba ba tlhomilweng go dira mo dilong tsotlhe tse di tlhokegang go direla bana ba Modimo poloko.”1

Boperesiti jo bo tlhomilweng mo mothong ga se yotlhe thata ya Modimo. Tšhate e e latelang e supa ntlha e.

Mo tšhateng e o bona dingwe tsa dikai tsa thata ya Modimo, e e senang selekanyetso e bile ga e na melelwane. Mo teng ga yone, o bona le gone dikai tsa thata le taolo ya boperesiti jwa Modimo jo a bo neelang, kgotsa a bo neelang, banna ba ba tshwanelang ba dira mo Kerekeng ya ga Keresete.

Dikai tsa Taolo ya Boperesiti mo Botshelong jwa Gago

Ditshegofatso tsotlhe tsa boperesiti di teng go barwadie le barwa botlhe ba ba rategang ba Rara wa Legodimo. Nankolo ya bobedi e emetse ditshegofatso tseo tse di tlang kwa go wena ka mongwe yo o nang le dilotlele tsa boperesiti kgotsa a kile a neelwa taolo ya boperesiti.

Se ke thulaganyo e Modimo a e tlhomamisitseng go rulaganya le tsamaiso ya Kereke ya Gagwe mo lefatsheng. Dikai tse dingwe tsa taolo ya boperesiti jwa Modimo di akaretsa batiakone kgotsa poresidente ya baruti ba khoramo ba ba nang le dilotlele go kaela tiro ya khoramo ya gagwe, ditshegofatso tsa ga rre tse di neelwang mo lwapeng, le ditao tsa tempele le dikgolagano.

Banna, Basadi, le Boperesiti

Le fa tlhomamiso mo ofising ya boperesiti e neelwa banna fela, Poresidente Dallin H. Oaks, Mogakolodi wa Ntlha mo boporesidenteng jwa Ntlha, o tlhalositse molawana o o botlhokwa: “Boperesiti ke thata ya selegodimo le taolo e e tshegeditsweng ka tshepo go dirisediwa tiro ya Modimo go thusa bana ba Gagwe botlhe. Boperesiti ga se bao ba ba tlhomilweng mo ofising ya boperesiti kgotsa ba ba dirisang taolo ya jone. Banna ba ba nang le boperesiti ga se boperesiti. … Ga re a tshwanela go bua ka ga banna ba ba tlhomilweng e le boperesiti.2

Le fa basadi ba sa tlhomiwe mo boperesiting, Poresidente Russell M. Nelson o ne a tlhosa, “fa o lomololwa go direla mo pitsong ka fa tlase ga kaelo ya yo o nang le dilotlele tsa boperesiti … o neelwa taolo ya boperesiti go dira mo pitsong eo.”3 Dingwe tsa dikai tse di akaretsa boporesidente ba tlelase ya Makgarejwana, bokgaitsadi ba boanamisa efangele ba rerang efangele, baeteledi pele mo diwateng le dimapo ba ba lomolotsweng go ruta le go etelela pele, le badiredi ba ditao mo tempeleng.

Thata ya Boperesiti e Segofatsa Mongwe le mongwe

Ditshegofatso tse lona makawana le makgarejwana lo di amogelang ke tsa lona ka dikgolagano tse lo di dirang ka kolobetso le dikgolagano tse lo tlaa di dirang mo tempeleng. Le fa o sena motshola boperesiti mo lwapeng, o santse o ka segofadiwa ka thata ya boperesiti jwa Modimo mo botshelong jwa gago jaaka o tshegetsa dikgolagano tse o di dirileng le Ene (bona 1 Nefi 14;14).

Fa re tshela go yeng ka dikgolagano tsa rona, re amogela ditshegofatso tse di nonotshang le go re segofatsa. Re laletsa botlhe go tlhatlhanya ka ditshegofatso tsa boperesiti mo botshelong jwa lona—ditshegofatso tse di tlang ka ntlha ya thata ya boperesiti jo bo sa khutleng jwa Modimo le bao ba ba tlang fela ka taolo ya boperesiti e e neetsweng le go laelwa mo Kerekeng ya Modimo.

Dintlha

  1. Dale G. Renlund and Ruth Lybbert Renlund, The Melchizedek Priesthood: Understanding the Doctrine, Living the Principles (2018), 11.

  2. Dallin H. Oaks, “The Melchizedek Priesthood and the Keys,” Apr. 2020 general conference (Ensign or Liahona, May 2020, 69).

  3. President Russell M. Nelson, “Spiritual Treasures,” Oct. 2019 general conference (Ensign kgotsa Liahona, Ngwanatsele. 2019, 78).

Gatisa