2022
Bapatiriaka: E ne e le Bo Mang le Lebaka La go bo Ba Le Botlhokwa
Tlhakole 2022


“Bapatiriaka: E ne e le Bo Mang le Lebaka La go bo Ba Le Botlhokwa,” Go Nonofo Ya Banana, Tlhakole. 2022.

Molaetsa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Tlhakole 2022

Genesi 11-50

Bapatiriaka

E ne e le Bo Mang le Lebaka La go bo Ba Le Botlhokwa

Ka gongwe o utlwile ka ga Aberahame, Isake le Jakobe. Re bala ka ga bone gantsi mo Bukeng ya ga Momone mme o tlaa tlamega go utlwa thata ka bone jaaka o ithutuntsha Kgolagano e Kgologolo monongwaga. Ka kgatlhegelo e ba e filweng, ba tshwanetse ba bo ba le botlhokwa, a go jalo? Mme o ka tswa o ipotsa gore, “Ke goreng banna ba bararo ba ba tshetseng dingwaga tse di sekete tse di fetileng ba le botlhokwa gompieno?” Ee, boteng jwa karabo e bo ikaegile mo dikgolaganong tsa bosakhutleng le ditshegofatso tse di solofeditsweng tse Modimo a di ba neetseng.

Aberahame

Setshwantsho
Aberahame

Ditshwantsho ka Jarom Vogel

Aberahame e ne e le moperofeti yo mogolo. E ne e le mosiami mme a obamela ditaelo tsa Modimo.

O ne a kolobediwa, a amogela boperesiti, mme o ne a kanwa le mosadi wa gagwe Sara ka bosakhutleng.

Modimo o dirile kgolagano le Aberahame gore kokomane ya gagwe e tla nna kgolo le go nna le ditshegofatso tse di tshwanang le tse a neng a di amogetse.

Ba tlaa isa efangele ka botlalo ya ga Jeso Keresete kwa ditšhabeng tsa lefatshe.

Isake

Setshwantsho
Isake

Isake e ne e le morwa wa ga Aberahame le Sara.

Modimo o boleletse Aberahame go ntsha Isake setlhabelo. Aberahame o ne a rata Isake mme a itshenkela go obamela Modimo. Pele fela fa Aberahame a ne a ya go ntsha Isake setlhabelo, moengele a bolelela Aberahame go ema. Boineelo jwa ga Aberahame le Isake go obamela Modimo ke sekao sa Tetlanyo ya Morwa wa Modimo Yo O tsetsweng a le Esi.

Isake o ne a solofediwa ditshegofatso tse di tshwanang le tsa ga Aberahame.

Jakobe

Setshwantsho
Jakobe

Fela jaaka rraagwe le rremogolo wa gagwe, Jakobe o ne a le boikanyego mo Modimong.

Kantlha ya boikanyego jwa gagwe, Morena a fetola leina la ga Jakobe go nna Iseraele, le le rayang gore “yo o fenyang le Modimo” kgotsa “a Modimo a fenye,” (bona Thanodi ya Baebele, “Iseraele”).

Jakobe o ne a na le barwa ba le 12. Barwa ba le malwapa a bone ba ne ba itsege jaaka lotso lwa Iseraele.

Kgolagano e Modimo a e dirileng le Aberahame e ne ya ntšhafadiwa ke Jakobe le bana ba gagwe.

Bapatiriaka le Wena

Jaaka leloko la Kereke, o karolo ya kokomane ya ga Aberahame, Isake, le Jakobe. Kgolagano e ba E dirileng le Modimo di a go ama le wena!

O na le tshegofatso le boikarabelo go fa bopaki jwa gago jwa Mmoloki le go abelelana efangele.

O biditswe le gone go laletsa mongwe le mongwe go dira le go tshegetsa dikgolagano le go amogela ditao tsa boperesiti. Poresidente Russell M. Nelson o rile se ke karolo yotlhe ya go kgobokanya Iseraele, se e leng “selo se se botlhokwa thata se se diragalang mo lefatsheng gompieno” (“Hope of Israel,” [worlwide youth devotional, Seetebosigo 3, 2018], 8, ChurchofJesusChrist.org).

Gatisa