2022
Mmoloki yo o Bogang
Moranang 2022


“Mmoloki yo o Bogang,” Go Nonofo ya Banana, Moranang. 2022.

Molaetsa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Moranang 2022

Mmoloki yo o Bogang

Dingwaga tse di makgolo pele ga Jeso Keresete a tla, Isaia o bonetse pele go bogela ga Gagwe dibe tsa rona.

a nyadiwa mme a ganwa

Setshwantsho
Matsogo a ga Jeso Keresete a bofilwe

Fa Jeso Keresete a tla mo lefatsheng, batho ba bangwe ba ne ba dumela mo Ene, mme bontsi bo ne jwa seka jwa dumela. Ba ne ebile ba Mo lebela kwa tlase, mme bontsi jwa mo tlhoa. Kwa bofelong, batho ba ne ba tlhopha gore A bogisiwe le go bolawa. (Bona 1 Nefi 19:9.).)

o ne a rwele mahutsana a rona

Setshwantsho
Jeso Keresete a khubame mo Gethesemane

Jeso Keresete o ne A amogela mo go ene botlhoko jwa rona, bolwetsi, le bokoa. O ne a dira se gore A tle a nne le kutlwelo botlhoko mo go rona le go itse gore O ka re thusa jang. (Bona Alma 7:11–13.)

o ne a ntsediwa ditlolo tsa rona dintho

Setshwantsho
Jeso Keresete mo sefapanong

Jeso Keresete o bogetse dibe tsa rona. O dirile se gore re ka itshwarelwa dibe tsa rona fa re ikwatlhaya. (Bona Doctrine and Covenants 18:11; 19:15–19.)

mme ka kwatlhao ya gagwe re fodisitswe

Setshwantsho
batho ba ba utlwang letsogo la ga Jeso Keresete yo o tsogileng

“Dikiteo tsa gagwe” ke dintho tsa Gagwe. Tse di emela dipogisego tsotlhe tse A di re bogetseng, go akaretsa go tshologa ga madi a Gagwe le loso lwa Gagwe. Kantlha ya gore Jeso Keresete o re bogetse, re ka itekanesiwa gape. Setlhabelo sa Gagwe se dira gore dibe tsa rona di itshwarelwe. Fa re ikwatlhaya mme re eka go tshegetsa dikgolagano tsa rona, O a re fodisa mme a re fetole. (Bona Mosiah 3:7–11; Articles of Faith 1:3.)

Gatisa