2022
Lorato lwa Selegodimo mo Togamaanong ya ga Rara
Motsheganong 2022


“Lorato lwa Selegodimo mo Togamaanong ya ga Rara,” Liahona, Motsheganong 2022.

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Motsheganong 2022

Lorato lwa Selegodimo mo Togamaanong ya ga Rara

Dinopolo

Setshwantsho
dithaba di emelela mo marung

Mo Kerekeng e e tsosolositsweng ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo, re na le tlhaloganyo e e farologaneng ya togamaano ya ga Rara wa rona wa Legodimo. Se se re neela tsela e e farologaneng ya go bona maikaelelo a botshelo jwa go swa, katlholo ya selegodimo e e e salang morago, le bowelo jo bo galalelang jwa bofelo jwa bana botlhe ba Modimo. …

… Thuto e e senotsweng ya Kereke e e tsosolositsweng ya ga Jeso Keresete e ruta gore bana botlhe ba Modimo—kwa ntle ga mo go lekanyeditsweng thata go ka elwatlhoko fa—kwa bofelong ba tlaa felela mo bogosing jwa kgalalelo. …

… E e kwa godimo thata ya tse ke kgalalelo ya bosakhutleng mo bogosing jwa selesetiale, jo mo go bone re ka nna jaaka Rara wa rona le Morwa wa Gagwe Jeso Keresete. …

… Thomo ya Kereke e e tsosolositsweng ke go thusa bana botlhe ba Modimo go tshwanelwa ke se Modimo a eletsang e le bowelo jwa bone kwa bofelong. …

Mo go botlhokwa mo go rona ke tshenolo ya Modimo gore kgalalelo ya bosakhutleng e ka bonwa fela ka boikanyego mo dikgolaganong tsa lenyalo la bosakhutleng fa gare ga monna le mosadi. Thuto eo ya selegodimo ke ka ntlha ya go bo re ruta gore “bong ke mokgwa o o botlhokwa wa botshelo jwa motho pele ga jo, jwa go swa, le boitshupo jwa bosakhutleng le maikaelelo” [“The Family: A Proclamation to the World,” ChurchofJesusChrist.org]. …

… Re tlhomamisa gore kitsiso ya lelwapa, e remeletswe mo thutong e e sa fetogeng, e tlhalosa mofuta wa dikamano tsa lelwapa kwa karolo e e botlhokwa thata ya kgolo ya rona ya bosakhutleng e ka diragalang. …

… Re tshwanetse go batla go abelana boammaaruri jo jwa bosakhutleng le ba bangwe. Mmle ka lorato le re nang le lone mo baagisanying ba rona botlhe, ka metlha re amogela ditshwetso tsa bone. Jaaka moporofeti wa Buka ya ga Momone a rutile, re tshwanetse go gatela pele, re na “le lorato la Modimo le la batho botlhe” [2 Nefi 31:20].

Gatisa