2022
Se Boife—Morena o na le Wena
Phukwi 2022


“Se boife, Morena o na le Wena,” Go Nonofo ya Banana, Phukwi 2022.

Molaetsa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Phukwi 2022

Se Boife—Morena o na le Wena

Go tswa go October 2018 general conference address.

Poifo ga e ntšha. E sale ka dinako tsa bogologolo, poifo e ngotlile go tlhaloganya sentle ga bana ba Modimo. Mo go 2 Dikgosi, kgosi ya Siria o ne a rometse mophato go tshwara le go bolaya moperofeti Elisha.

“E rile fa motlhanka wa ga [Elisha] a phaketse, a tswetse kwantle, bonang, masomosomoa bo a dikologile motse ka dipitse le dikara. Mme motlhanka wa ga [Elisha] a mo raya a re, Ija, mong wame we! re tlaa dira jang?” (2 Dikgosi 6:15).

Seo e ne e le poifo e bua.

“Mme [Elisha] a mo fetola a re, Se boife: gonne ba ba nang le rona ba bantsi go feta ba ba nang le bone.

“Mme Elisha a rapela, a re, Morena, Ke a go rapela, bula matlho a gagwe, gore a bone. Mme Morena a bula matlho a lekawana; mme a bona: mme, bonang, thaba e ne e tletse ka dipitse le dikara tsa molelo mo tikologong ya ga Elisha” (2 Dikgosi 6:16-17).

Re ka kgotsa re ka se nne le dikara tsa molelo tse di rometsweng go leleka dipoifo tsa rona le go fenya mewa e e maswe ya rona, mme thuto e tlhamaletse. Morena o na le rona, o a re akanyetsa, le go re segofatsa mo ditselelng tse Ene fela a ka di dirang.

Fa re kgothallela go tshepela mo Moreneng le ditsela tsa Gagwe, fa re tsweletse mo tirong ya Gagwe, ga re ka ke ra boifa di tsamaiso tsa lefatshe kgotsa go tshwenngwa ke tsone. Morena o re lebeletse, o re tlhokometse, le go ema le rona.

Gatisa