2023
Bulela Mowa o o Boitshepo Pelo ya Gago
Moranang 2023


“Bulela Mowa o o Boitshepo Pelo ya Gago,” Go Nonofo ya Banana, Mor. 2023.

Molaetsa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Moranang 2023

Bulela Mowa o o Boitshepo Pelo ya Gago

Go tswa April 2018 general conference address.

Mo pakeng e ya Paseka, Ke lebogela Rara wa rona wa Legodimo mpho ya Morwa wa Gagwe yo o Rategang, yo o a tlileng mo lefatsheng ka boikgethelo go nna Morekolodi wa rona. Ke leboga go itse gore O lefetse dibe tsa rona le go tsoga mo Tsogong. Letsatsi le letsatsi Ke segofala go itse gore, ka ntlha ya Tetlanyo ya Gagwe, nako nngwe Ke ka tsoga go tshela ka bosenang bokhutlo mo lelwapeng le le lorato.

Ke itse dilo tseo ka tsela e le nngwe fela e mongwe le mongwe wa rona a ka di itseng. Mowa o o Boitshepo o buile mo tlhaloganyong ya me le pelo gore di boammaaruri—eseng gangwe fela mme gantsi.

Re na le tsholofetso e e senang tlhwatlhwa ya Mowa o o Boitshepo jaaka mopati. Maitlamo a rona ke go itlhophela go bula dipelo tsa rona go amogela kaelo ya semowa nako le nako le kgomotso ka Mowa o o Boitshepo ka nako ya botshelo botlhe.

Setshwantsho
sethunya

Ditshwantsho ka Emily E. Jones

Boitshenkelo jwa ntlha ke go ikokobetsa fa pele ga Modimo.

Setshwantsho
diatla tse di rapelang

Ya bobedi ke go rapela ka tumelo mo go Morena Jeso Keresete.

Setshwantsho
khampase

Ya boraro ke go obamela tota tota.

Setshwantsho
sebopego sa pelo

Mme ya bone ke go rapelela go itse matlhoko le dipelo tsa ba bangwe le ka fa o ka ba thusang ka teng mo boemong jwa Morena.

Ke rapela ka pelo ya me yotlhe gore o ka utlwa lentswe la Mowa, le o le romeletsweng ka bopelotshweu. E bile Ke rapela gore o bule pelo ya gago ka metlha go amogela Mowa gore o ka nna le boitumelo jwa go nna le Ene jaaka mopati wa gago wa nako tsotlhe.

Gatisa