2023
Baswi ba Tlaa Ema fa pele ga Modimo
Sedimonthole 2023


“Baswi ba Tlaa Ema fa pele ga Modimo,” Ya Nonofo ya Banana, Sedimonthole 2023.

Molaetsa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Sedimonthole 2022

Baswi ba Tlaa Ema fa Pele ga Modimo

Mo tshenolong ya gagwe, Johane o bone Katlholo ya Bofelo

Setshwantsho
Jeso Keresete

He Comes Again to Rule and Reign [O Tla Gape go Laola le go Busa], ka Mary Sauer

baswi, ba bannye le bagolo, ba ema fa pele ga Modimo

Thata ya Tsogo ya ga Jeso Keresete e tlisa batho botlhe mo boleng teng jwa Modimo go atlholwa (bona Alema 11:42–44; 33:22; 40:21; Helamane 14:15–17; Momone 9:13–14).

dikwalo di ne tsa bulwa

Dikwalo tse di kaya dipolelo tse di tshegeditsweng mo lefatsheng ka ga seo batho ba se dirileng mo lefatsheng go sala morago tsela ya kgolagano (bona Dithuto le Dikgolagano 128:7).

lokwalo lwa botshelo

“Mo tlhalosong e le nngwe Lokwalo lwa Botshelo ke tshoboko ya dikakanyo le ditiro tsa motho—pego ya botshelo jwa gagwe. Le fa gontse jalo, dikwalo tse di boitshepo le gone di supa gore pego ya legodimo e tshegeditswe ya ba ba boikanyego, go akaretsa maina a bone le dipolelo tsa ditiro tsa bone tsa tshiamo” (Guide to the Scriptures, “Book of Life,” scriptures.ChurchofJesusChrist.org).

atlholwa

Katlholo ya Bofelo e tla morago ga batho ba tsosiwa. Jeso Keresete o tlaa nna moatlhodi wa mongwe le mongwe. Katlholo e e tlaa supa kgalalelo ya bo sa khutleng e motho mongwe le mongwe a e amogelang. (See Guide to the Scriptures, “Judgment, the Last,” scriptures.ChurchofJesusChrist.org; Alema 41:3–5; Dithuto le Dikgolagano 88:26–32.)

Ka fa ditirong tsa bone

Motho mongwe le mongwe o tlaa atlholwa ka se bone ba se dirileng le ka se ba se eleditseng (bona Doctrine and Covenants 137:9). Ba tlaa atlholwa ka gore a ba ne ba obamela ditaelo tsa Modimo le go dira ka tumalano le lesedi le fa e le lefe le boammaaruri tse ba di amogetseng mo botshelong jo.

Gatisa