2017
Baperofeti go Re Kaela
September 2017


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Lwetse 2017

Baperofeti go Re Kaela

Dingwaga di sekae tse di fetileng, ke ne ke ntse mo ntlwaneng ya Tempele ya Salt Lake kwa Boporesidente jwa Ntlha le ba Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi ba kopanelang gone gangwe mo bekeng. Ka lebelela kwa loboteng le le lebaganyeng le Boporesidente jwa Ntlha, mme koo ka ela tlhoko setshwantso sa nngwe le nngwe ya Diporesidente tsa Kereke.

Jaaka Ke ba lebeletse, ba ke ba tlhatlhamang—go tswa ka Moperofeti Joseph Smith(1805–44) go Moporesidente Gordon B. Hinckley (1910–2008)—ka akanya, “ka fa ke itumelelang kaelo ya mongwe le mongwe wa bone.’’

Ba ke banna ba ba golo ba ka gope ba sa belaelang, ka gope ba sa thetheekelang, e bile ka gope ba sa tlhaelang. Ba ke banna ba Modimo. Jaaka ke akanya ka baperofeti ba metlha ya gompieno ba ke ba itsileng mme ke ba ratile, ka gakologelwa matshelo a bone, mekgwa ya bone, le dithuto tse ditlhotlheleditsweng tsa bone.

Moporesidente Heber J. Grant (1856-1945) e ne e le Moporesidente wa Kereke fa ke tsholwa. Jaaka ke gopola botshelo jwa gagwe le dithuto ke dumela popego e Moporesidente Grant a e kaileng ka metlha e le eo ya go sa ineeleng—go sa ineeleng mo dilong tseo tse di molemo le bogolo.

Moporesidente George Albert Smith e ne e le moporesidente wa Kereke ka nako ya motlha o ke neng ke direla jaaka bishopo ya tebelo ya me mo Salt Lake City. A lemoga gore go na le ntwa e kgolo e e diragalang ma gare ga Morena le mmaba. “Fa o nna mo tlhakoreng la mola wa Morena,” o rutile, “o tlaa nna ka fa tlase ga thata ya gagwe mme ga o kake wa nna le keletso ya go dira phoso.’’1

Ke biditswe go direla jaaka leloko la Khoramo ya ba ba Lesome le Bobedi ka 1963 ke Moporesidente David O. MacKay( 1873-1970). O rutile tlhokomelo ya ba bangwe ka mokgwa o a neng a tshela botshelo jwa gagwe. “Bokeresete jwa Boammaaruri,’’ o boletse “ke lorato mo tirisong.’’2

Moporesidente Joseph Fielding Smith (1876-1972), mongwe wa bakwadi ba ditsala thata tsa Kereke, o na le kaelo ya melawana mo botshelong jwa gagwe jwa efangele jaaka borutegi. O ne a bala dikwalo tse di boitshepo ka go sa khutleng mme o ne a itse dithuto le thuto tse di fitlhelwang mo ditsebeng tsa tsone jaaka ope yo ke kileng ka mo itse.

Moporesidente Harold B. Lee (1899–1973) o dirile jaaka poresidente ya me ya lomapo fa ke le mosimane. Nopolo ya gagwe e e rategang e ne e le “ Emang mo mafelong a boitshepo, mme lo se tshikenyege.’’3 O kgothaditse Baitshephi go nna ba eketleeditse, le go araba di tshebetso tsa Mowa o o Boitshepo.

Ke dumela molawana o o kaelang mo botshelong jwa Moporesident Spencer W. Kimball (1895–1985) o ka nna tshwaelo. O ne gotlhelele, a ineetse go sa belaesege go Morena. O ne le ene a ineetse go tshelela efangele.

E rile Moporesidente Ezra Taft Benson (199–1994) a nna Poresidente ya Kereke, a mpitsa go direla jaaka Mogakolodi wa gagwe wa Bobedi mo Boporesidenteng jwa Ntlha. Lorato e ne e le molawana wa gagwe wa kaelo, o o akaraditsweng mo nopolong ya gagwe e e rategang, e e boletsweng ke Mmoloki: “Re tshwanetse go nna batho ba ba ntseng jang? Ammaaruri ke a lo raya, fela jaaka ke ntse.”4

Moporesidente Howard W. Hunter (1907–95) e ne e le mongwe yo ka metlha a lebeletseng molemo mo go ba bangwe. Ka metlha o ne a le maitseo, ka metlha o ne a le boikobo. E ne e le lobaka lwa me go direla jaaka Mogakolodi wa gagwe wa Bobedi.

Moporesidente Gordon B. Hinckley o re rutile go dira bo jotlhe jwa rona. O supile tshupo e e nonofileng ya Mmoloki le thomo ya gagwe. O re rutile ka lorato. Go direla jaaka Mogakolodi wa gagwe wa Ntlha e ne e le tlotla le tshegofatso mo go nna.

Mmoloki o romela baperofeti gonne wa Re rata. Ka nako ya khonferense ya kakaretso ka Phalane o, Balaodi ba kakaretso ba Kereke gape ba tlaa nna le lobaka la go abelana lefoko la gagwe. Re atamela maikarabelo a ka masisi a magolo le boikokobetso.

Re segofetse jang gore kereke ya ga Jeso Kereste e e tsosolositswe mo lefatsheng le gore Kereke e thaetswe mo lefikeng la tshenolo. Tshenolo ya gale ke yone botshelo jwa efangele ya ga Jeso Keresete.

A re ka ipakanyetsa go amogela tshenolo ya esi eo e tlang ka bogolo ka nako ya khonferense ya kakaretso. A dipelo tsa rona di tladiwe ka maikaelelo a boteng jaaka re tsholetsa diatla tsa rona go kokotletsa baperofeti ba ba tshedileng le baaposetole. A re ka bonesiwa, tsholediwa, gomodiwa le go thatafadiwa jaaka re reetsa melaetsa ya bone. Mme a re ka iketleeletsa go ineela gape go Morena Jeso Keresete—efangele ya Gagwe le tiro ya Gagwe—le go tshela ka tswetso e shafaditsweng mo go tshegetseng ditaelo tsa Gagwe le go dira thato ya gagwe.

Gatisa