2018
Go aga botsalano jo bo nang le bokao
Phatwe 2018


Setshwantsho
ministering

Melawana ya Tirelo , Phatwe 2018

Go aga botsalano jo bo nang le bokao

Nonofo ya rona ya go tlhokomela ba bangwe e oketsega fa re na le botsalano jo bo nang le bokao le bone.

Taletso ya go direla ba bangwe ke lobaka lwa go aga botsalano le bone-mofuta wa botsalano o o ka ba dirang gore ba gololesege mo go kopeng kgotsa go amogeleng thuso ya rona. Fa re dirile maiteko a go simolodisa botsalano jwa mofuta oo, Modimo o nonofile go fetola matshelo mo matlhakoreng otlhe a botsalano.

“Ke dumela gore ga go na phetogo epe e e nang le bokao kwantle ga botsalano jo bo nang le bokao,’’ ga bua Sharon Eubank, mogakolodi wa Ntlha mo Boporesidenteng jwa Kakaretso jwa Mokgatlho wa Thuso. Mme gore ditiro tsa rona tsa tirelo di nne le phetolo mo matshelong a ba bangwe, o rile, di tshwanetse go tsepama mo keletsong ya boammaaruri ya go fodisa le go reetsa le go dirisana le go tlotla.1

Botsalano jo bo nang le bokao ga se methale ya go nna le sengwe. Bo agelwa mo bopelotlhomoging, maiteko a boammaaruri, le ‘lorato lo lo sa itimokanyeng D&C121:41).2

Ditsela tsa go aga le go thatafatsa botsalano

“Re aga [ botsalano] motho a le mongwe ka nako,” ga bua Mogolwane Dieter F. Uchtdorf wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi. 3 Jaaka re leka go aga botsalano jo bo nang le bokao le bao ba re ba direlang, Mowa o o Boitshephi o ka re kaela. Dikaelo tse di latelang di ikaegile mo sekaong se Mogolwane Uchtdorf a se neetseng4

  • Ithute ka ga tsone

    Poresidente Ezra Taft Benson (1899-1994) o rutile, ‘Ga o kake wa direla sentle bao ba o sa ba itseng sentle.’’ O ntshitse mogopolo go itse maina a leloko lengwe le lengwe la lolwapa mme o lemoga ditiragalo tse di botlhokwa jaaka matsalo, ditshegofatso, dikolobetso, le manyalo. Se se fa lobaka lwa go kwala mokwalonyana kgotsa go letsa go akgola leloko la lolwapa mo go atlegeng mo go tlhaolegileng kgotsa phitlhelelo 5

  • Tsayang nako mmogo.

    Botsalano bo tsaya nako go gola. Batla mabaka a go nna le puisano. Dipatlisiso di supa gore go letlelela batho go itse gore o a kgathala go botlhokwa mo botsalonong jo bo itekanetseng.6 Etela gantsi bao ba o biditsweng go ba direla. Bua le bone kwa kerekeng. Dirisa mefuta mengwe le mengwe e mengwe e e dirang tlhaloganyo- jaaka melaetsa ya inthanete, Feisebuku, Insetekaramo, Twita, Sekaepe,mogala, kgotsa go romela karata. Mogolwane Richard G. Scott (1928-2015) wa khoramo ya baapasetole ba ba lesome le bobedi o buile ka ga thata ya mafoko a a motlhofo le a lorato le thotloetso: ‘ Gantsi ke ka bula dikwalo tsa me tse di boitshepho, … Mme ke bone mokwalonyana wa lorato le wa thotloetso [mosadi wa me] Jeanene o a o ntsentseng ka tidimalo mo ditsebeng tsa lokwalo. … Mekwalonyana e e rategang eo …e tswelela go nna lehumo le le senang tlhatlhwa la kgomotso le tlhotlheletso 7

    Le gone, gakologelwa go re botsalano bo tlhoka bobedi. O ka naya lorato le botsala, mme botsalano ga bo nke bo gola fa e se boithaopo bo amogelwa mme bo busiwa. Fa motho yo mongwe a lebega a sa go amogele, se pateletse botsalano. Mo neele nako go bona maiteko a gago a boammaaruri, mme fa go tlhokega, gakololana le baeteledipele ba gago ka ga gore a botsalano jo bo nang le bokao bo santse bo lebega e le phitlhelelo.

  • Buisana ka kelelelo.

    Go aga botsalano jo bo nang le bokao go re batla gore re fete mo go mo pontsheng. Puisanyo e e senang boleng e tletse ka puisanonyana ka ga thulaganyo ya ditiro, loapi, le dikganyana tse dingwe, mme ga e akaretse go abelana maikutlo, ditumelo,maikaelelo, le tshwanelo e e tlhokegang go dira botsalano jo bo nang le bokao. Rraetsho wa Legodimo o re diretse mofuta wa puisanyo o o nang le bokao thata ka go abelana maikutlo a gagwe le mananeo le Morwa wa Gagwe (bonaJohane 5:20) le rona ka Baperofeti ba gagwe( bonaAmose 3:7). Ka go abelana ditiragalo tsa letsatsi le letsatsi le dikgwetlho tsa botshelo le ba bangwe jaaka re kaelwa ke Mowa, re amogela tlhaloganyo ya mongwe le mongwe jaaka re bona katlhego e e kopanetsweng le maitemogelo a a abelwana.

    Go reetsa ke karolo e e botlhokwa ya go buisana gore o a kgathala 8 Fa o reetsa ka kelelelo, lobaka lwa gago la go thusa ba bangwe go tla mo go Keresete le a oketsega jaaka o amogela tlhaloganyo le ponatshego ya matlhoko a bone le jaaka ba utlwa ba ratiwa, ba tlhalogangwa , le go sireletsega.

  • Tlhaloganya dipharologanyo le ditlwaelo.

    “ Bangwe… Ba dumela gore Kereke e batla go dira leloko lengwe le lengwe mo popegong e le nngwe - gore mongwe le mongwe o tshwanetse go lebega, ikutlwa, akanya le go itshwara jaaka mongwe le mongwe,’’ go buile Mogolwane Utchtdorf. Se se tlaa ganetsa botlhale jwa Modimo, yo a tlhodileng motho mongwe le mongwe a farologane le mokaulengwe wa gagwe.

    Kereke e kokotlegela fa re dirisa pharologanyo e mme re kgothatsana go tokafatsa le go dirisa ditalente tsa rona go tsholetsa le go thatafatsa barutwana ka rona 9

    Go rata ba bangwe ka mokgwa o Modimo a re ratang ka one go batla gore re leke go bona ba bangwe ka mokwa o Modimo a ba bonang ka one, Poresidente Thomas S. Moson (1927-2018) o rutile gore, ‘ re tshwanetse go tokafatsa nonofo ya go bona[ ba bangwe] eseng jaaka ba ntse ka nako e mme jaaka ba ka nna.’’10 Re ka rapelela thuso go bona ba bangwe ka mokgwa o Modimo a ba bonang ka one. Jaaka re tshwara ba bangwe re ikaegile mo bokgoning jwa bone jwa kgolo, ba ka nna ba iteka.11

  • Ba direle.

    Amiwa ke matlhoko a bao ba o ba direlang mme o rate go neela nako ya gago le ditalente, e ka ne e le mo nakong ya letlhoko kgotsa fela ka gore wa kgathala. O ka nna teng go neela kgomotso,tlamelo, le thuso e e tlhokegang fa go na le tshoganetso, bolwetse kgotsa seemo sa potlako. Mme mo botsalanong jo bontsintsi ga re itirise. Modimo o re neetse boikgethelo gore re ka dira bogolo gore re direlwe( bona2 Nefi 2:14). Fela jaaka Moaposetolo Johane a rutile gore re rata Modimo ka ntlha ya gore o re ratile pele ( bona1 Johane 4:19),Fa ba bangwe ba itemogela lorato lwa rona la nnete ka ditiro tsa rona tsa tirelo, go ka nolofatsa dipelo mme ga oketsa lorato le tshepho.12 Se se dira go dikologa go go kwa godimo ga ditiro tsa bopelonomi tseo di ka agang botsalano.

Go direla jaaka Mmoloki a ne a Dira

Jeso Keresete o aga botsalano jo bo nang le bokao le barutwana ba gagwe( bonaJohane 11:5). O ne a ba itse( bonaJohane 1:47-48). O ne a tsaya nako le bone( bonaLuke 24: 13 -31), Puisanyo ya gagwe e ne ya feta mo go mo pontsheng (bona Johane 15:15). O ne a tlhaloganya dipharologanyo tsa bone( bona Mathaio 9:10) mme a bona bokgoni jwa bone ( bona Johane 17:23). O ne a direla mongwe le mongwe, ntswa e ne e le Morena wa botlhe, a re ga a a tla go direlwa fa e se go direla ( bona Mareko 10:42 -45).

O tlaa dirang go aga botsalano jo bo tiileng le bao ba o beditsweng go ba direla?

Dintlha

  1. Sharon Eubank, in Humanitarian Acts Must Be Rooted in Relationship, Sharon Eubank a re, mormonnewsroom.

  2. See “ Ministering Principles: Reach Out in Compassion,” Liahona, June 2018, 6–9.

  3. Dieter F. Uchtdorf, “Of Things That Matter Most,” Liahona, Ngwanatsele. 2010, 22

  4. Bona Dieter F. Utchtdorf, ‘ Of Things That Matter Most,’’22.

  5. Bona Ezra Taft Benson, To the Home Teachers of the Church’’Ensign, Motsheganong 1987,50.

  6. See Charles A. Wilkinson le Lauren H. Grill, ‘Expressing Affection: A Vocabulary of Loving Messages,’’ in Making Connections: Readigs in Relational Communication, ed. Kathleen M. Galvin, 5th ed. (2011), 164-73.

  7. Richard G. Scott, “The Eternal Blessings of Marriage,” Liahona, Motsheganong 2011, 96

  8. See “ Ministering Principles: Five Things Good Listeners Do,” Liahona, June 2018, 6–9.

  9. Dieter F. Uchtdorf, “ Four Titles,” Liahona,Motsheganong 2013, 59

  10. Thomas S. Monson, “See Others as They May Become,” Liahona, Nov. 2012, 68.

  11. Bona Terence R. Mitchell le Denise Daniels, ‘Motivation,’’ mo Handbook of Psychology,vol. 12, ed. Walter C. Borman le ba bangwe (2003), 229.

  12. Bona Edward J. Lawler, Rebecca Ford, le Michael D. Large, ‘Unilateral Initiatives as a conflict Resolution Strategy,’’Social Psychology Quarterly, vol. 62, no. 3 (Sept. 1999), 240-56.

Gatisa