2019
A Ke ka Thusa Mongwe go Fetoga?
Phatwe 2019


Setshwantsho
ministering

Melawana ya go Direla, Phatwe 2019

A Ke Ka Thusa Mongwe go Fetoga?

Ee. Mme seabe sa gago se ka farologana go na le jaaka o akantse.

Re tlhodilwe ka bokgoni jwa go fetoga. Go golela mo bokgoning jwa selegodimo jwa rona ke maikaelelo a maitemogelo a rona a botshelo jwa lobaka lono. Mangwe a maikaelelo a rona a bofelo mo go direleng ke go thua ba bangwe go tla mo go Keresete le go dira diphetogo tse di tlhokegang go boela kwa boleng teng jwa Gagwe. Mme ka ntlha ya boikgethelo jwa bone, seabe sa rona mo go ba thuseng go nna thata jaaka Keresete go lekanyeditswe.

Fa ke dithuto tse supa tse di maatla go tswa mo Mmoloking tsa ka fa re ka thusang ba bangwe mo maitekong a bone a go fetoga le go nna thata jaaka Ene.

  1. Se Boife go ipakela Phetogo

    Mmoloki o ne a sa boife go laletsa ba bangwe go tlogela mekgwa ya bogologolo kwa morago le go amogela dithuto tsa Gagwe. O ne a laletsa Petere le Jakobe go tlogela ditiro tsa bone mme “ba nne batshwari ba batho” (Mareko 1:17). O ne a laletsa mosadi yo a neng a tshwerwe mo boakeng “go tsamaya, mme a seka a tlhola a leofa” (Johane 8:11). O ne a laletsa lekawana la mohumi go emisa lerato la dilo tsa lefatshe mme a mo sale morago (bona Mareko 10:17–22). Le rona re ka nna gotlhe pelokgale le lorato jaaka re laletsa ba bangwe go dira diphetogo le go sala Mmoloki morago.

  2. Gakologelwa gore ke boikgethelo jwa Bone go Fetoga

    Mofuta wa go fetoga o Mmoloki a o laletsang ga o ka ke wa patikiwa. Mmoloki o ne a ruta le go laletsa, mme o ne a sa pateletse. Lekawana la mohumi “la tsamaya ka bohutsana” (Mathaio 19:22). Mo Kaperenama, bontsi jwa barutwana ba Gagwe ba ne ba itshenkela “go boela morago,” mme a botsa Ba ba lesome le bobedi gore a le bone ba tlaa tsamaya (bona Johane 6:66–67). Bangwe ba balatedi ba ga Johane wa Mokolobetsi ba itshenkela go sala Mmoloki morago, ba bangwe ba seka (bona Johane 1:35–37; 10:40–42). Re ka laletsa ba bangwe go nna thata jaaka Ene, mme ga re kake ra ba tseela ditshwetso tsa go fetoga. Mme fa ba ise ba itshenkele go fetoga, ga re a tshwanela go ineela—le fa e le go ikutlwa jaaka e kete re paletswe.

  3. Rapelela Bokgoni jwa ba Bangwe go Fetoga

    Ka nako ya Thapelo ya Gagwe ya Thapelelo, Jeso o ne a kopa Modimo gore barutwana ba Gagwe ba dibelwe mo bosuleng, ba tlaa nna bogolo jaaka Ene le Rara, mme ba tlaa tlala ka lorato la Modimo (bona Johane 17:11, 21–23, 26). Mme ka a ne a itse gore Petere o tlaa tlhoka nonofo mo maitekong a gagwe go gola mo seabeng sa gagwe, Mmoloki a mo rapelela (bona Luke 22:32). Dithapelo tsa rona tsa ba bangwe di ka dira pharologanyo (bona Jakobe 5:16).

  4. Ba Rute go Ikaega ka Thata ya Gagwe

    Ke ka Mmoloki fela gore re ka fetoga ka boammaaruri mme ra gola mo bokgoning jwa rona jwa selegodimo jo rotlhe re nang le bone. Ke “tsela, le boammaaruri, le botshelo: ga go na motho ope yo o tlang kwa go Rara, fa e se ka Ene]” (Johane 14:6). Ke thata ya gagwe e e ka “dirang dilo tse di bokowa go nna thata” (Ethere 12:27). E ne e le tumelo mo thateng ya Gagwe e e lefetsang e e neng ya nonotsha Alema yo o Mmotlana go fetoga (bona Alema 36:16–23). Re ka ruta ba bangwe go ikaega ka Mmoloki gore le bone ba ka nna le thata ya Gagwe e e ntlafatsang mo matshelong a bone.

  5. Ba Tshware jaaka Ba Ka Nna

    Lorato le kamogelo di ka nna dikemedi tse di thata tsa go fetoga. Mosadi kwa sedibeng o ne a tshela le monna yo e neng e se monna wa gagwe. Barutwana ba ga Jeso “ba gakgamalela gore o ne a bua le mosadi” (Johane 4:27), mme Jeso o ne a kgathala segolo bogolo ka se a tlaa nnang sone. O ne a mo ruta le go mo neela lobaka lwa go fetoga, se a se dirileng. (Bona Johane 4:4–42.)

    Fa re tsaya ba bangwe jaaka ba ntse ba ntse bogolo go na le jaaka ba ka nna, re ka ba busetsa kwa morago. Le fa gontse jalo, re ka itshwarela le go lebala diphoso tse di fitile. Re ka dumela gore ba bangwe ba ka fetoga. Re ka ikgatholosa bokoa mme ra bontsha dipopego tse di tlhomameng tseo ba ka sekeng ba di bona mo gone bone.” Re na le maikarabelo a go bona batho ka bo bone e seng jaaka ba ntse mme jaaka ba ka nna.”1

  6. A Ba Tsamaye ka Tsamao ya Bone

    Go fetoga go tsaya nako. Rotlhe re tshwanetse “go tswelela ka bopelotelele go fitlhelela [re] itekanedisiwa” (Doctrine an Covenants 67:13). Jeso o ne a nna pelotelele mo go ba bangwe mme a tswelela a ruta le e leng bao ba ba neng ba moganetsa, a paka ka seabe sa gagwe se a se neilweng ke Rara mme a araba dipotso tsa bone (bona Mathaio 12:1–13; Johane 7:28–29). Re ka nna pelotelele le ba bangwe mme ra ba rotloetsa go nna pelotelele mo go bone.

  7. O seka wa Ineela fa Ba boela mo Ditseleng tse di Kgologolo

    Morago ga Keresete a sena go swa, le e leng Petere le bangwe ba Baaposetole ba boela kwa morago kwa go se ba neng ba se tlhwaetse (bona Johane 21:3). Keresete o ne a gakolola Petere gore o tlhoka go “fudisa dinku tsa [Gagwe]” (bona Johane 21:15–17), mme Petere a boela mo tirelong. Go ka nna motlhofo tota go boela kwa ditseleng tsa pele. Re ka tswelela go thusa ka thotloetso e e bori le ditaletso tse ditlhotlheleditsweng go tswelela go sala Mmoloki morago le go tswelela ka go nna thata jaaka Ene.

Letlelela ba bangwe go Gola

Mogolwane Jeffrey R. Holland wa Khoramo ya Baaposetole ba ba lesome le bobedi o bolelel polelo e ka ga go letlelela ba bangwe go gola: “Ke kile ka bolelelwa ka lekawana yo ka dingwaga tse dintsi a ne a batlile go tlala nyao nngwe le nngwe mo sekolong sa gagwe. O ne a na le makoa mangwe, mme go ne go le motlhofo gore balekane ba gagwe ba mo rumole. Kgabagare mo botshelong jwa gagwe o ne a fuduga. Kwa bofelong o ne a tsena mo sesoleng mme a nna le maitemogelo a diphitlhelelo koo mo go amogeleng thuto mme ka kakaretso a tswa mo go tsa pele. Mo godimo ga tsotlhe, jaaka bontsi mo sesoleng bo dira, o ne a lemoga bontle le bogolo jwa Kereke mme a nna tlhaga le go itumela mo go yone.

“Ke gone, morago ga dingwaga tse dintsi, a boela kwa toropong ya bonana jwa gagwe. Bontsi jwa tshika ya gagwe bo ne bo fudugile mme e seng botlhe. Go slebega, fa a boa a fitlheletse e bile a sokologile, ditlhaloganyo tse di nnileng teng go le pele di ne di le teng, di emetse go bowa ga gagwe. Go batho ba legae la gagwe, e ne e santse e le se ‘mang mang.’ …

“Ka bonya ka bonya maiteko a phitlhelelo ya monna yo go tlogela seo se neng se le kwa morago mme a ngaparela sekgele se Modimo a se beileng fa pele ga gagwe ka bonya se ne sa nyelela go fitlhelela a swa go ya ka tsela e a neng a tshidile ka yone mo bonaneng jwa gagwe. … Mo go maswe, mo go botlhoko thata gore o ne gape a dikaganyediwa ke. … bao ba ba neng ba akanya gore mokgwa wa pele o ne o kgatlisa go na le isago ya gagwe. Ba ne ba kgona go kgaola ngaparelo ga gagwe eo Keresete a neng a mo ngaparetse ka gone. O ne a swa a utlwile botlhoko, le ntswa ka phoso e nnye ya gagwe. …

A batho ba ikwatlhae. A batho ba gole Dumela gore batho ba ka fetoga le go tokafala.”2

Dintlha

  1. Thomas S. Monson, “See Others as They May Become,” Liahona, Nov. 2012, 70.

  2. Jeffrey R. Holland, “The Best Is Yet to Be,” Liahona, Jan. 2010, 19, 20.

Gatisa