2020
Go Phutha Iseraele ka Go Direla
Firikgong 2020


Setshwantsho
ministering

Melawana ya go Direla, Firikgong 2020

Go Phutha Iseraele ka Go Direla

Go direla ke lobaka lwa go sala morago kgakololo ya moperofeti ya go phutha Iseraele.

Poresidente Russell M. Nelson o re laleditse go thusa go phutha Iseraele—“selo se se botlhokwa thata se se diragalang mo lefatsheng gompieno.”1

Go bao ba ba batlang go nna karolo ya tiro e ya go phutha Iseraele, go direla e ka nna lobaka lo lo ntle. Ke tsela e e tlhotlheleditsweng ya go fetola matshelo a batho. Le fa re direla maloko a a seng tlhaga kgotsa go ba laletsa go re thusa jaaka re direla bao ba e seng ba tumelo ya rona, go direla go re neela mabaka a go phutha Iseraele.

Go Thusa Maloko a a Boang

“Ka lorato e le thotloetso, dikgakgamatso di tlaa diragala, mme re tlaa bona ditsela tsa go tlisa bokgaitsadi le bakaulengwe ba ba timetseng mo katlong e e akaretsang gotlhe ya efangele ya ga Jeso Keresete.” —Jean B. Bingham2

“Ke ne ke ntse ke se tlhaga dingwaga di le thataro fa nna le monna wa me re fudugela kwa motseng o mosha. Poresidente wa me o mosha wa Mokgatlho wa Thuso a ntekola, a botsa gore a o ka romela mokaulengwe go ntekola. Ka le tshogo, ka dumela. Mokaulengwe yo o ne a ntekola kgwedi nngwe le nngwe, le ntswa a ne a na le bolwetse jwa go ilwa ke dintsha—mme ke ne ke na le ntsha e e lorato! Go direla ga gagwe ga tswelela dingwaga tse pedi, mme go ne ga nna le tlhotlheletso e kgolo mo go nna.

“Le ntswa ditekolo tsa gagwe ka metlha e ne e le tsa go kopanya batho fela, ka sewelo o ne a mpotsa dipotso tse di neng di re isang kwa dipuisanong tsa semowa. Tse di ne di ntira gore ke seka ka phuthologa, mme di ne tsa nkgwetlha go swetsa gore a ke tswelele le efangele kgotsa ke nne fa ke neng ke le teng. Tshwetso e e ne e le tshokolo mo go nna, mme ke ne ka itshenkela go kopana le baanamisa efangele ba bomme.

“Mo letsatsi le ke ne ka ya phuthegong ya sakaramente e le lantlha mo dingwageng tse thataro, ke ne ke tshaba go tsena mo teng. Fa ke tsamaela mo kerekeng, mokaulengwe yo o ntirelang o ne a nkemetse, mme o ne a tsamaela le nna mo chapeleng. Morago, a tsamaya le nna kwa koloing ya me, a mpotsa gore o ka dira eng go nthusa botoka jaaka ke ne ke atamela mo go Mmoloki.

“Nako le lorato la mokaulengwe yo o ntirelang tsa nthusa go mpusetsa go nna tlhaga, mme ke akanya maiteko a gagwe e le mangwe a dimpho tse dikgolo tse ke kileng ka di neelwa. Ke lebogela gore o ne a le teng mo letlhakoreng la me mo mosepeleng wa me wa go boela mo Kerekeng ya Mmoloki.”

Leina le ileditswe, British Columbia, Canada

Melawana go e Akanya

“A ntekola kgwedi nngwe le nngwe”

O ka supa jang gore o kgathala ka bao ba o ba direlang go feta dilo tse dingwe? (Bona Doctrine and Covenats 121:44).

“Dipotso”

Go botsa dipotso tse di siameng go ka thusa go tlhotlheletsa go itshekatsheka. Gakologelwang gore go direla ga rona go na le maikaelelo a a fetang go nna le kopano le batho.3

“A nkemela”

Mongwe le mongwe o tshwanetse go ikutlwa a amogelesega (bona 3 Nephi 18:32).

“A le teng mo letlhakoreng la me mo mosepeleng wa go boa ga me”

Thuso ya rona e ka dira pharologanyo e e botlhokwa mo go bao ba ba sokotseng go boela mo go Mmoloki mme ba fodisiwe (bona Bahebera 12:12–13).

Go Direla le go Phutha

“Le ka ditsela dife tse di lebegang e le tsa tlholego e bile e le tsa tlwaelo mo go wena, abelana le batho gore keng Jeso Keresete le Kereke ya Gagwe di le botlhokwa mo go wena. …

“… Karolo ya gago ke go abelana se se mo pelong ya gago le go tshela o sa farologane le ditumelo tsa gago.” —Mogolwane Dieter F. Uchtdorf4

Go Direla le go abelana efangele di a tsamaelana. Fa ke ditsela dingwe tse re ka phuthang ditsala tsa rona le baagisanyi fa re direla—kgotsa re direla fa re phutha ditsala tsa rona le baagisanyi:

  • Dirang mmogo. Batla mabaka go laletsa ditsala kgotsa baagisanyi go kopana le wena fa o direla matlhoko a mongwe. Ba kope go go thusa go apeela motsetsi dijo, go etela moagisanyi yo o tsofetseng, kgotsa go phepafatsa lelwapa la mongwe yo o lwalang.

  • Rutang mmogo. Akanya ka go laletsa tsala kgotsa moagisanyi yo o sa tleng kerekeng gantsi go tshwarela thuto ya boanamisa efangele mo lapeng la bone fa mongwe a kopana le baanamisa efangele. Kgotsa tsala ya gago o ka go thusa go tshwarela thuto mo lwapeng la gago kgotsa a tsamaya le wena go ya thutong mo lwapeng la mongwe o sele.

  • Otlologela go ba bangwe fa o bona go tlhokega. Ithaope go rulaganya sepalamo go ya kerekeng. Laletsa bana go ya ditirelong tsa banana kgotsa Poriemari. Ke dife ditsela tse dingwe tse o ka direlang le go phutha?

  • Dirisa di dirisiwa tse Kereke e di neetseng. Kereke e neela maloko di dirisiwa tse dintsi go ba thusa go abelana efangele. O ka lebelela karolo ya “Boanamisa Efangele” mo karolong ya Motlobo wa Efangele ComeUntoChrist.org ka ga megopolo ya ka fa re ka phuthang Iseraele mo metseng ya rona.

Dintlha

  1. Russell M. Nelson, “Hope of Israelworldwide youth devotional, June 3, 2018), HopeofIsrael.lds.org.

  2. Jean B. Bingham, “Ministering as the Savior Does,” Liahona,May 2018, 106.

  3. Bona “Melawana ya go Direla: Maikaelelo a a Tlaa Fetolang go Direla ga Rona,”Firikgong 2019.

  4. Dieter F. Uchtdorf, “Missionary Work: Sharing What Is in Your Heart,” Liahona, May 2019, 17.

Gatisa