2020
Go Direla ka Ditso tsa Lelwapa
Tlhakole 2020


Melawana ya go Direla, Tlhakole 2020

Go Direla ka Ditso tsa Lelwapa

ministering

Illustration by Joshua Dennis; background image and photograph from Getty Images

Go thusa mongwe ka ditso tsa lelwapa ke tsela e e nonofileng ya go direla. Fa o kopanya ba bangwe le bagologolo ba bone ka dipolelo tsa lelwapa le dintlha, o felela o ba thusa go utlwa boitumelo mo dipelong tsa bone le go utlwa ba golagane thata le malwapa a bone go na le jaaka ba ne ba akanya gore ba ka dira (bona Malaki 4:5–6).

Le fa e ka tswa e le leloko la Kereke botshelo jotlhe kgotsa mongwe yo o iseng a utlwe efangele e e tsosolositsweng ya ga Jeso Keresete, bana botlhe ba Modimo ba na le keletso ya go itse kwa ba tswang teng.

Gantsi ga go tseye lobaka go tlogela tlhotlheletso e e boteng le e e tswelelang, jaaka go supiwa mo dipolelong tse di latelang.

Go bona ba lelwapa kwa dikgatong tse 30,000

Mo bosheng mo sefofaneng go ya gae, ke iphitlhetse ke bapile le Steve, yo o abelaneng le nna dikarolo tsa polelo ya gagwe. O ne a alogile mo sekolong se segolwane, a tsena mo Sesoleng sa U.S. jaaka moitseanape wa ditlhaeletsanyo a le dingwaga tse 18, mme ka bonako a simolola go berekela kwa White House, a neela Tautona ya United States thuso ya ditlhaeletsanyo. Go tswa mo dingwageng di le18 go ya go tse 26, a direla Ditautona tse pedi tsa U.S. Dipolelo tsa gagwe di ne di kgatlha!

“Steve,” ke rile, “o tswanetse go kwalela kokomana ya gago dipolelo tse! Ba tlhoka go nna le dipolelo tse ka tlhamalalo go tswa mo go wena ka sebele.” A dumela

Ke gone Mowa wa ntlhotlheletsa go mmotsa gore o itse eng ka bagologolo ba gagwe. Steve o ne a itse thata ka ga letlhakore la ga mmaagwe, go akaretsa polelo ya ka fa ba lelwapa ba kileng ba ja dijo tsa maitseboa le Abraham Lincoln fa a ne a ntse a ipapaletsa ditlhopho kwa magaeng ka nako ya ditlhopho tsa botautona tsa U.S. tsa 1860.

Le fa gontse jalo o ne a itse go le go nnye ka ga lotlhakore la ga rraagwe. O ne thata a batla go itse go le gontsi. Ke ne ka ntsha mogala wa me wa letheka mme ka bula lenaneo tirisiwa la khompiutara la Sebatla ba Lelwapa. “Steve, re ka batla lelwapa la gago jaanong jaana!”

Ke ne ka tsena mo maranyaneng a sefofane a WI-FI. Ka baya mogala wa letheka mo tafoleng fa pele ga me gore rotlhe re ka bona. Re ne ra batla Losika. Ka fa tlase ga metsotso rotlhe re ne re lebile setlankana sa lenyalo sa ga rraagwe mogologolwane mo go mmaagwe mogologolwane.

“Ke bone!”a rialo. “Ke gakologelwa sefane sa gagwe jaanong!”

Mowa wa go itumela wa goromeletsega mo go rona rotlhe. Ra berekela mo go direng ditlhaloso ka bokhutshwane tsa bagologolo ba gagwe ba ba sa itsegeng thata mo metsotsong e e 45 e e latelang. A nkopa go mo solofetsa gore re tlaa tswelela ka go batla mmogo kwa Colorado. Re ne ra neelana melaetsa ya kgolagano fa sefofane se kotama.

Fa re ne re, fofa dikgato di le 30,000 (9,145 m) mo phefong, ka sedirisiwa se sennye jaaka seatla sa me, re batla monna le mosadi ba ba nyalaneng dingwaga di le 100 tse di fitileng ba ba mo latlhegetseng le lelwapa la gagwe. Go sa dumelesege! Mme re ba bone. Malwapa a ne a kopantswe. Dipolelo di ne tsa gakologelwa. Maikutlo a malebogo a ne a itemogelwa a botegeniki le di dirisiwa. E ne e sepe ntleng le kgakgamatso.

Jonathan Petty, Colorado, USA

A dikaganyeditswe ke Lelwapa le Lesha

Maria o ne a se matlhagatlhaga mo kerekeng go feta dingwaga di le 20. Dikgwedi di se kae tse di fitileng, re ne ra nna le ene diouranyana molwapeng la rona, re sekaseka dipego tsa palobatho le tse dingwe. Ka nako e nngwe a thunya ka selelo a buela godimo a re, “Ke ithutile go le gontsi ka ga lelwapa la me mo oureng tse pedi go na le jaaka ke itsile mo botshelong jwa me jotlhe!”

Kwa bokhutlong jwa nako ya rona mmogo, ra mo itsise Relatives Around Me popego ya lenaneo tirisiwa la khompiutara ya Losika. Rotlhe monna wa me le nna re ne re le masika a kgakala a ga Maria. A thubega ka selelo gape, a re o ne a ntse a akanya gore o nosi. Ga a e ise a ke a itse gore o na le lelwapa mo kgaolong. Dibeke di se kae moragonyana Maria a kopana le bishopo wa rona. Jaanong o ipaakanyetsa go ya tempeleng, e bile o kopane le bontsi jwa bontsalae ba “basha” mo wateng!

Carol Riner Everett, North Carolina, USA

Mokgwa wa go Direla

Ashley, kgaitsadi yo ke mo direlang, le nna rotlhe re na le dibuka tsa kapei go tswa mo go bommemogolo. Ene go tswa mo go mmaagwe mogologolwane, mme ya me ke buka e ke e tshwaragantseng mmogo fa ke neelwa boswa jwa letlole la ditaelo tsa kapei la ga mmemogolo Greenwood fa a sena go tlhokafala.

Nna le Ashley re ne ra tlhopha resepe go tswa mo dibukeng tsa rona tsa kapei, mme ra kopana morago ga tiro bosigo bongwe go di leka. A tlhopa resepe ya disete, jalo ra e dira pele mme ra e tsenya mo ontong. Ka tlhopha chip dip—sejo se se tlwaelesegileng kwa modirong mongwe le mongwe wa lelwapa la Greeenwood. Morwadie Ashley Alice a re thusa go lekeletsa tatso ya dijo. Ke gone, gonne Ashley o ne a sa batle bana ba gagwe go ja disete yotlhe, o ne a ya go isa bontlha bongwe kwa bokaulengweng ba a ba direlang.

Selo se ke se ratileng thata ka ga bosigo jwa kapei ke gore jaaka re ne re apaya le go beikha, re ne ra bua ka ga ditlhogo tsotlhe tsa gale tsa go direla—dikgwetlho tsa gagwe le tsa me. Mme le gone re ne ra bua ka bommemogolo ba rona le bo mmaarona, mo go neng go le bori mo go rona rotlhe.

Jenifer Greenwood, Utah, USA

Ditsela tse di Kgethegileng go Thusa

Ditso tsa Lelwapa di ka bula dikgoro tsa go direla le menyetla fa go lebega go se sepe se se ka dirang. Fa ke megopolo e se kae e o ka e lekang.

  • Ba thuse go gatisa le go louda mantswe a a gatisitsweng a dipolelo tsa ditso tsa lelwapa, segolo bogolo dingwe tse di tsamaelanang le dinepe.

  • Dira tšhate ya losika lwa lelwapa e e rulgantsweng ka seripa sa kgolokwe kgotsa mokwalo wa ditso tsa lelwapa mongwe o o ka gatisiwang o o ka o neelang e le mpho.

  • Ba rute ditsela tsa go dibela ditso tsa bone ka go tshegetsa jenale ka tsela e e ba itumedisang. Jenale ya mantswe? Jenale ya dinepe? Setshwantsho sa motshikinyego? Go na le mefuta e e mentsi mo go bao ba ba sa tlhopheng popego e e tsewang e atlegile ya jenale.

  • Tsamayang mmogo kwa tempeleng go dira ditao tsa bagologolo. Kgotsa ithaope go dira ditao tsa maina a lelwapa fa ba na le a mantsi go na le a ba ka a kgonang.

  • Kopanang mmogo go abelana ditso tsa lelwapa.

  • Ithutontsheng mmogo ka ditso tsa lelwapa.