2020
Go Direla ka Khonforense ya Kakaretso
Moranang 2020


“Go Direla ka Khonforense ya Kakaretso,” Liahona, Moranang 2020

Setshwantsho
go direla

Melawana ya go Direla, Moranang 2020

Go Direla ka Khonforense ya Kakaretso

Ka dinankolo tsotlhe tse di godisang, ditso tsa lelwapa, le dithuto go tswa go batlhanka ba Morena, khonforense ya kakaretso e re neela ditsela tse dintsi go direla—pele, sebaka, le morago ga mafelo a beke a khonforense ya kakaretso!

Jaaka morutuntshi wa tlelase ya go ipaakanyetsa boanamisa efangele, Susie le Tom Mullen nako le nako ba kgothatsa maloko a tlelase ya bone go laletsa mongwe go lebelela khonforense ya kakaretso.

“Go laletsa mongwe go dira sengwe ke karolo e e botlhokwa ya tiro ya boanamisa efangele, mme go a diragala mo go direleng le gone,” a rialo. “Baithuti ba rona kgapetsa kgapetsa ba re begela gore go ba diragaletse jang mme le gone motho yo ba mo laleditseng.”

Fano ke ditsela tse mmalwa baithuti ba bone ba begileng ka go atologa:

  • Re direla tsala yo o nang le diemo tse a sokolang ka tsone. Re mo laleditse go reetsa dikarabo mo khonforenseng ya kakaretso. Fa re mo etela morago ga khonforense, o re boleletse gore o utlwile megopolo e mentsi e e ka thusang.”

  • “Re ne ra dira moletlo wa khonforense ya kakaretso mme mongwe le mongwe a tlisa tse di jewang go abelana. Go ne go le monate mo re neng ra swetsa ka go o dira gape.”

  • “Ka laletsa tsala go lebelela khonforense ya kakaretso le nna. Jaaka re bua ka yone, ra swetsa ka go kgweeletsa kwa ntlong ya bophuthegelo go bona gore a re ka e lebelela teng. Ra dira jalo, mme e ne e le maitemogelo a magolo go nna teng!”

Jaaka ba ga Mullen le baithuti ba bone ba ithutile, go na le ditsela tse dintsi tsa go direla ka khonforense ya kakaretso. Ke tsela e e gakgamatsang go abelana dinankolo tse di godisang, ditso tsa lelwapa, dipuisano tse di nang le boleng, le dithuto tsa batlhanka ba Morena!

Laletsa ba Bangwe mo Lelwapeng la Gago

“Mmoloki o laotse balatedi ba Gagwe go ratana ka bo bone; jaaka ke lo ratile’ (Johane 13:34). Jalo re leba ka fa a re ratang ka teng. … Fa re mo dira sekao sa rona, ka metlha re tshwanetse go leka go atologa go akaretsa mongwe le mongwe.” —Poresidente Dallin H. Oaks1

Dingwaga tse di fetileng moruti wa rona molapeng Mike a lemoga gore bongwanake ba bararo le nna re na le sebalamakgolo se le sengwe go lebelela khonforense ya kakaretso mo go sone. Ka bonako a re laletsa go tla kwa ntlong ya gagwe go lebelela le ene le mosadi wa gagwe, Jackie, a gatelela gore ba ka rata baeng. Bongwanake ba ne ba itumeletse go lebelela khonforense mo TV; ka lebogela mo go golo go nna le thuso; mme rotlhe re ne re itumeletse nako ya rona rotlhe.

Morago ga moo, go lebelela khonforense ya kakaretso mmogo ya nna selo modiro. Le ntswa re ne re na le TV ya rona, re ne re santse re itumelela go ya kwa go Mike le Jackie ka mesamo ya rona, dibuka, le tse dijewang go ya khonforenseng ya kakaretso. Go Utlwa mafoko a baperofeti mmogo go go dirile mo go kgethegileng. Re nnile jaaka lelwapa Mike le Jackie ya nna bangwe ba ditsala tsa me tota le batsadi ba bobedi ba bongwanake. Lorato le botsalano jwa bone e ne e le tshegofatso e e gakgamatsang mo lelwapeng la me. Ke lebogela go rata ga bone go re bulela lelwapa lwa bone le dipelo tsa bone.

Suzanne Erd, California, USA

Melawana go e Akanya

“Lemogiwa”

Mmoloki ka go rata o ne a tsaya nako go bona matlhoko a ba bangwe mme a dira go diragaletsa matlhoko ao (bona Mathaio 9:35–36; Johane 6:5; 19:26–27). Re ka dira mo go tshwanang.

“Laletswa ka bonako”

Morago ga go lemoga matlhoko a bao re ba direlang, kgato e e latelang ke go dira.“Go utlwa mafoko a baperofeti”

Re tshwanetse go “phuthega kgapetsa kgapetsa” (Moroni 6:5) go ithuta mmogo, go gola mmogo, le go bua ka dilo tsa semowa tse mewa ya rona e di kgathalelang thata.

“Tlaya, o reetse lentswe la moperofeti, le go utlwa lefoko la Modimo”2 e ka nna ditaletso tse di botlhokwa thata tse re ka di isang go bao re ba direlang.

“Lorato le botsalano”

Thusa ka boammaaruri mme o rotloetse ba bangwe, re tshwanetse go aga botsalano le bopelonomi le “lorato le le senang boitimokanyi” (bona Dithuto le Dikgolagano 121:41

Abelana mo maranyaneng

Mefuta ya maranyane ke didirisiwa ka bophara e motho ka boene a ka rotloetsang mo go siameng ka dipalo tse di kgolo batho le malwapa. Mme ke dumela gore nako e tlile ya rona barutwana ba ga Keresete go dirisa didirisiwa tse di tlhotlheleditsweng sentle le mo go tokafetseng thata go paka ka ga Modimo Rara wa Bosakhutleng, togamaano ya Gagwe ya boitumelo ya Bana ba Gagwe, le Morwa wa Gagwe, Jeso Keresete, jaaka Mmoloki wa lefatshe.” —Mogolwane David A. Bednar3

Maranyane a re letlelela go abelana efangele le lefatshe ka bophara. Ke rata seo! Ke abelana ditiro tse mmalwa tsa khonforense ya kakaretso, mme gantsi ke leka go thusa ba bangwe go dira puisano go tswa mo puisong ya khonforense ya kakaretso. Go bona dipotso tsa ba bangwe kgapetsa kgapetsa go ka re thusa go bona dilo ka lesedi le lesha mme e ka nna lefelo la dipotso tsa dipuisanyo tse dikgolo.

Ke bone gore fa o dirisa dipotso go buisana ka dipuiso tsa khonforense ya kakaretso le malwapa ao a direlang, go a go thusa go bona dinonofo tsa bone le gone matlhoko a bone. Nngwe ya dipotso tse ke ratang go di botsa ke, O utlwa gore setlhogo se segolo sa karolo ya khonforense ya kakaretso ya bosheng ke eng?

Karabo ka metlha e ka go bontsha se se diragalang mo matshelong a bone le se se botlhokwa mo go bone. Go go letlelela go nna mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o direlang botoka gonne o ba bona sentle mo go golo.

Camille Gillham, Colorado, USA

Melawana go e Akanya

“Abelana efangele”

Re golagane go “ema jaaka bapaki ba Modimo ka dinako tsotlhe le mo dilong tsotlhe, le mo mafelong otlhe” (Mosia 18:9

“Dira puisanyo”

Melaetsa ya khonforense ya kakaretso e ka rotloetsa dipuisano tse di gakgamatsang, tlhokegang le tsa semowa. Mme dipuisanyo tse di ka nonotsha botsalano, di ka thusa bopaki go gola, le go go tlisetsa boitumelo! (Bona Dithuto le Dikgolagano 50:22).

“Dirisa dipotso”

Dipotso tse di molemo di ka go thusa go tlhaloganya dikgatlhego, matshwenyego, kgotsa dipotso tse ba bangwe ba nang le tsone. Di ka tlhabolola go ruta ga gago, laletsa Mowa, mme di thuse batho go ithuta.”4

Dintlha

  1. Dallin H. Oaks, “Love and the Law” (video), mormonandgay.ChurchofJesusChrist.org.

  2. “Come, Listen to a Prophet’s Voice,” Hymns, no. 21.

  3. David A. Bednar, “Flood the Earth through Social Media,” Liahona, Aug. 2015, 50.

  4. Preach My Gospel: A Guide to Missionary Service (2004), 185.

Gatisa