2020
Go Direla ka Ditiro tsa Kereke
Phukwi 2020


“Go Direla ka Ditiro tsa Kereke,” Liahona, Phukwi 2020

go direla

Senepe sa lekolwane le baakanya tante ka Bud Corkin; senepe sa mosetsana a baakanya tafole ka Sherie Price McFarland; molaetsa ka Getty Images

Melawana ya go Direla, Phukwi 2020

Go direla ka Ditiro tsa Kereke

Ntlha ka Motho yo o baakanyang mokwalo: Mokwalo o o tlhamilwe pele ga segajaja sa COVID-19. Mengwe ya megopolo e e fa tlase ga e kake ya dirisiwa ka dinako tse tsa go katologana ga batho mme e ka dirisiwa fela fa go phuthega ga Kereke le ditiro di simologa. Fa go tlhokega, tswee tswee itlwaetse megopolo e go yeng ka melawana ya jaana ya Kereke le ya puso.

Tsela nngwe e re ka direlang maloko a rona a wate, baagisanyi, le ditsala ke ka ditiro tsa Kereke. Le fa o rulaganya tiro go yeng ka matlhoko kgotsa dikgatlhego tsa mongwe yo o mo direlang kgotsa o ba laletsa go tsayakarolo mo ditirong kgotsa ditshono tsa go direla ba bangwe, ditiro tsa wate, lomapo, kgotsa dimapo tse di kopaneng go ka tlisa maikaelelo le ditsela tsa itlosobodutu go nonotsha kutlwano le go thatafatsa maloko.

Ditiro tsa Kereke le tsone di ka dira go nna teng ga ditshono tsa go direla. Ka sekai, Ditiro tsa Kereke di ka tlisa ditshono tsa go tsayakarolo mo mananeong a tirelo a a ka segofatsang ba bangwe le go aga botsalano jo bo siameng mo morafeng. Ditiro tsa Kereke le gone e ka nna monyetla wa go atologela kwa malokong a Kereke a a seng tlhaga le ditsala tsa bodumedi bo sele kgotsa ditsala tse di sa dumeleng.

Go akaretsa batho ba bantsi mo ditirong tsa Kereke go tlisa tshono gore Morena a segofatse le go thatafatsa diwate le makalana a rona, baagisanyi ba rona, le mo merafeng ya rona.

Aga Botsalano jo bo Siameng

Mariga a ne a tla, mme David Dickson o ne a sena ka fa a ka dirang ka teng gore lelwapa la gagwe le thuthafale.

David, mosadi wa gagwe, le barwadie ba babedi ba ne ba fudugetse kwa motsaneng wa Fredonia, Arizona, USA, tikologo e e sekaka e dikaganyeditswe ke mapato a mahibidu a magolo, sekgwa sa mekgwapha, le tse di nnang di le ditala.

Lelwapa la di Dickson le ne le ikaegile ka setofo sa go besetsa dikgong e le mofuta wa go apaya. David o ne a ithuta ka bonako gore go rwalela dikgong e ne e le maitemogelo a tlhokegang go nne mariga a Fredonia a tletse ka kapoko le kgapetlana.

“Ke ne ke sena dikgong dipe le fa e le mochine wa shaga kgotsa le e leng kitso ya go o dirisa!” Ga bua David. “Ke ne ke sa itse se ke a go se dirang.”

Bangwe ba maloko a wate ba botsa David fa lelwapa la gagwe le na le dikgong tse di lekaneng go fitisa mariga. “Ga go a ba tsa sebaka go lemoga gore ke ne ke sena,” ga bua David. Khoramo ya bagolwane ka bonako ya ineela go nthusa go rwalela. Ke fekeeditswe ke boitumelo, ka amogela go ineela ga bone.”

David ka bonako a lemoga gore loeto la go rwalela e ne e le nngwe ya thulaganyo sentle ya tse dintsi, go rulagangwa sentle, le e e tlilweng sentle tiro ya wate. Maphakela mangwe a Matlhatso, David, bagolwane ba khoramo, le maloko mangwe a wate ba ya kwa dithabeng ka diteraka le matoroko.

“Motshegare a le mongwe, ke lebogela di dirisiwa tsa bone le go itse, maloko a wate a tlamela lelwapa la me ka ngata ya dikgong tse di re tsereng karolo tse pedi tsa mariga,” ga bua David. Le e leng mo go botlhokwa thata, ke ne ke rutilwe sengwe le sengwe se ke tlhokang go se itse ka go rwalela dikgong ka bo nna. Ka nako ya ke tlogela Fredonia, ke ne ke itse go dirisa mochine wa shaga, e bile ke thusitse mo ditirong tse dintsi tsa wate tsa go rwalela go na le ke ka bala.”

Ditiro tse tsa wate ga di age fela botsalano jo bo siameng mo malokong a Kereke mme le gone go aga botsalano jo bo siameng le mongwe le mongwe mo morafeng.

“Ke gakologelwa mosadi mongwe, e seng leloko la Kereke, yo a neng a le mosha mo kgaolong,” ga bua David. “O ne a patelesega go gotsa go thuthafatsa legae la gagwe. Fela fa re ithuta ka mathata a gagwe, re ne ra rurifatsa gore o na le dikgong tse di lekaneng go fitisa mariga. O ne a leboga mo a neng a palelwa ke go bua.”

Maiteko a go direla mo Fredonia a ne a tlhomamisa gore mongwe le mongwe o nna a babalesegile mme a thutafala mo marigeng.

Go Atologela go ba Bangwe

Fa a dira jaaka moanamisa efangele kwa Romania, Meg Yost le mopati wa gagwe gangwe le gape ba ne ba etela lelwapa le le neng le sa tle kerekeng lebaka le loleele. Boo Stanica e ne e le bangwe ba maoloko a pele ba Kereke mo Romania,” ga bua Meg, “re ne re ba rata.”

Fa go tla nako ya go loga leano le go rulaganya tiro ya lekala, baeteledipele ba ne ba swetsa gore lekala le tlaa nna le “Pioneer Night.” Se e tlaabo e le maitseboa a go ipelela bopelokgale jwa basimolodi ba ba raletseng United States go ya kwa Salt Lake Valley. Le gone e tlaa nna tshono ya go tlotla basimolodi ba Kereke mo Romania.

“Re ne re akanya gore ke tsela e kgolo ya maloko mangwe go fa bopaki jwa go sokologa ga bone le ka fa ba boneng Kereke e gola ka teng mo Romania,” ga bua Meg. “Ka bonako re ne ra akanya gore lelwapa la Stanica le ka akarediwa. Ra ba laletsa go tsayakarolo, mme ba ne ba itumetse!”

Mo bosigong jwa tiro, Boo Stanica ba ne ba ise ba goroge fa e le nako ya go simolola.

“Re ne re tshwenyegile gore ga ba na go tla,” Meg a gopola. “Mme mo nakong, ba tsena ka kgoro. Boo Stanica ba a fa bopaki jo bontle jwa efangele le Kereke. Le gone ba itsalanya le maloko a mangwe ba baneng ba sa ba bona lobaka lo le telele.”

Maloko a lekala ba ba amogela ka diatla tsoo pedi mme ba amogela boo Stanica. Sontaga o o latelang, Meg o ne a gakgametse mo go itumedisang go bona Kgaitsadi Stanica kwa kerekeng.

“Fa ke etela lekala kgwedi tse mmalwa tse di latelang, o ne a santse a tla!” Ga bua Meg. “Ke akanya gore monyetla wa go fa bopaki le go akarediwa le go tlhokwa mo lekaleng go mo thusitse tota.”

4. Megopolo ya Go Direla ka Ditiro tsa Kereke

  • Rulaganya ditiro tse di fitlhelelang matlhoko: Ditiro ke tsela e kgolo ya go fitlhelela matlhoko a a farologanyeng. Di ka rulaganngwa go fitlhelela matlhoko a a rileng a motho kgotsa setlhopha. Le gone di tshwanetse go fitlhelela matlhoko a bao ba tsayang karolo, le fa letlhoko leo e le go itsane botoka, go ithuta mo gontsi ka efangele, kgotsa go utlwa Mowa.

  • Laletsa mongwe le mongwe: Jaaka fa o rulaganya ditiro, dira maiteko a kgethegileng go laletsa bao ba ba tlaa thusiwang ke go tsaya karolo. Baya mo tlhaloganyong maloko a masha, maloko a a seng tlhaga, banana, bagolo ba ba sa nyalang, batho ba ba nang le bogole, le batho ba ditumelo tse dingwe. Atolosa taletso le dikgatlhego tsa bone mo tlhaloganyong, mme o supe ka fa o ka ratang gore ba tle.

  • Rotloetsa go tsayakarolo: Bao o ba laletsang ba tlaa nna le mo gontsi go tswa mo ditirong fa ba na le tshono ya go tsaya karolo. Tsela nngwe ya go rotloetsa go tsayakarolo ke gore bangwe ba dirise dineo tsa bone, dikitso, le ditalente ka nako ya tiro.

  • Amogela mongwe le mongwe: Fa tsala ya gago e tsenelela tiro, dira gotlhe go dira gore a amogelesege. Le fa gontse jalo, fa o bona bangwe ba o sa ba itseng, itsalanye le bone mme o ba amogele!