2020
Go Direla ka Boipelego
Phatwe 2020


“Go direla ka Boipelego,” Liahona, Phatwe 2020

Setshwantsho
go direla

Melawana ya go Direla, Phatwe 2020

Go Direla ka Boipelego

Go thusa ba bangwe go ipelega ke go tlamela le go direla ka tsela ya Morena.

Bontsi jwa maloko a malwapa a rona, ditsala, baagisanyi ba kgatlhegela go ipelega thata. Go dirisa methale ya boipelego ya Kereke, maloko a Kereke a bona ditshono tsa go dira, tlhokomela, le go direla jaaka ba segofatsa ba bangwe ka melawana e e tlisang “tsholofelo e kgolo, kagiso le tswelelopele.”1

“Ke ne ke le mo Gae”

Ka Chissy Kepler, Arizona, USA

Ke ne ke sokola ka madi morago ga tlhalo, ke leka go boela gape mo tirong morago ga go nna mme yo nneng a nna mo gae dingwaga di le boferabobedi. Le gone ke ne ke sokola mo semoweng, ke batla boammaruri le tumelo, le fa ke ne ke ise ke gate mo teng ga chapele e sale ke le monana.

Ka Sontaga mongwe ke ne ke tlhwatswa diaparo mo lapeng la ga nkgonne, Priscilla, leloko le le tlhaga la Kereke. Fa ke le gone koo, Priscilla a ntaletsa go ya kerekeng le lelwapa la gagwe—taletso ya me ya ntlha mo dingwageng tse 15.

Kwa ntlheng ke ne ke sena keletso, mme fela bosigo bo bo fetileng, ke ne ka lopa mo Modimong go ntshupegetsa ka fa nka nnang gaufi le Ene. Morago ga ke sena go utlwa go gwetlha mo teng, ka swetsa gore, “Ke eng ke sa ye go utlwa le go iponela jaaka mogolo ka pelo ya me le matlho?”

Fa re ne re le mo bokopanong jwa Sakaramente, ka lemoga pampitshana ya ipapatso mo kgasong e khutshwane ya dikgang tsa Sontaga e itsise ka thuto ya boipelego mo go tsa madi. Ke ne ke sa ipaakanyetsa go boela mo kerekeng, mme ke ne ka nna le kgatlhego mo ithutontshong ya dibeke tse 12. Ka thotloetso go tswa mo go nkgonne le monna wa gagwe, ka ikwadisa, ke solofela go ithuta fela ka fa ke ka dirang thulaganyo ya go dirisa madi le go duela dikoloto. Dithuto, le fa gontse jalo tsa mphetola semowa.

Ke ne ka gakgamadiwa ke melaetsa ya semowa mo dibekeng di se kae tsa ntlha tsa tlelase, mme ka nako ya tlelase ya boraro, ke ne ka fekeediwa ke maikutlo a tlhomamiso gore ke mogae le go utlwa boammaruri jo bosha mme bo itlwaelesegile. Ka tswa mo tlelaseng mme ka kgweeletsa ka tlhamalalo go ya go bona Priscilla. Ka dikeledi, ka mmotsa, “Ke ka amogela jang maikutlo a mo botshelong jwa me?” A rulaganya le baanamisa efangele go simolola go nthuta.

Maloko a tlelase ya me ya boipelego ba tla mo dithutong tsa me tsa boanamisa efangele mme ba nthotloetsa. Ba dira maikutlo a se nnela ruri mo semoweng sa me mme ba nthusa go tlhabolola bopaki jwa efangele le baperofeti ba malatsi a segompieno.

Mo nakong e ntsereng go fetsa ithutontsho, ke dirile diphetogo di le mmalwa tsa lobaka lono fela le tsa semowa. Ka simolola tiro e ntšha le kompone e siameng, mme ka duela dikoloto tse di mmalwa.

Mme ditshegofatso, tse di boteng e bile di le monate tse di duleng mo ithutontshong di akaretsa go dira botsalano jo bontle, go simolola go tlhabolola kgolagano ya motia ka thotloetso ya ga bishopo, go bona bopaki jwa tsa bolesome, go amogela teseletso ya tempele, le go endaoiwa, le go bona banake ba batona ba babedi ba kolobediwa.

Tsela ya me ya go isa kwa boipelegong e santse e apoga, mme mo leetong lotlhe la me, ke tla nna ke gopola dithuto tse ke di ithutileng le botsalano jo ke bo dirileng.

“Ke Dule mo Tlelaseng Nngwe le nngwe ke Ikutlwa ke Ratiwa”

Fa a etetse Temple Square mo Salt Lake City, Utah, le morwae yo o dingwaga tse 10, Vincent, ka Sedimonthole 2016, Katie Funk o ne a itsaya jaaka “motlhokatumelo o o phuthologileng.” O tlogetse Kereke a le dingwaga di le 16, a nna motsadi yo o sa nyalwang a le dingwaga di le 17, a simolola go dira dithatuu, mme a simolola go nna le keletso ya kofi. Mme ka nako ya loeto la Temple Square, Vincent a utlwa Mowa o o Boitshepo mme a botsa mmaagwe go re a o ka tsaya dithuto tsa baanamisa efangele.

Le fa ditiro tsa gagwe tse pedi, dioura tse 80 tsa go dira tsa dibeke, Katie a ithutontsha efangele le Vincent, a sekaseka dikarabo tsa dipotso tsa gagwe fa gare ga maeto a baanamisa efangele. Ka selemo sa 2017, a simolola go tsenelela dikopano tsa Kereke, kwa a ithutileng ka ga diithutontsho tsa Kereke tsa boipelego.

“Ke lemogile ke sengwe se se ka nthusang,” a rialo. “Gongwe nka se tlhoke go dira ditiro tse pedi kgotsa go ikaega ka batsadi ba me botshelo jwa me jotlhe.”

Katie a bitsa ithutontsho ya gagwe “e e nonotshang thaya lobaka lono le semowa,” e seng fela ka ntlha ya se a se ithutileng mme le gone ka ntlha ya ka fa setlhopa sa gagwe sa boipelego se mo amogetseng ka teng le go mo direla.

Ntlha

  1. “Molaetsa go tswa Boporesidente jwa Ntlha,” mo Personal Finances for Self- Reliance (2016), i.

Gatisa