2020
Go Direla ka Lenaneo la Bana le Banana
Phalane 2020


“Go Direla ka Lenaneo la Bana le Banana,” Liahona, Phalane 2020

Setshwantsho
Melawana ya go Direla

Dinepe ka Tom Garner, Isaac Darko-Acheampong, Alexander K. Boateng, le Jonas Rebicki

Melawana ya go Direla, Phalane 2020

Go Direla ka Lenaneo la Bana le Banana

Go laletsa ba bangwe go gola le go ba thusa mo tseleng ke botlhokwa jwa go direla.

Go na le ditshono tse dintsi tsa go direla ka Lenaneo la Bana le Banana. Gongwe o na le bana kgotsa banana ba e leng ba gago mo lapeng. Gongwe o moeteledipele mo lenaneong kgotsa o direla malwapa a nang le bana le banana. Kgotsa gongwe o ka tswa o itse bana bangwe le banana (se se tshwanetse go re akaretsa rotlhe). Le fa seemo sa gago se ka tswa se ntse jang, go na le ditsela tse dintsi tsa go dirisa lenaneo kgotsa melawana ya yone go segofatsa matshelo a ba bangwe.

Go Itlhabolola Mmogo

Mo go botlhokwa thata mo Bana le Banana ke go itebaganya le go leka letsatsi le letsatsi go nna thata jaaka Mmoloki, yo o diretseng mo go itekanetseng. Bontsi ba bao ba ba tsereng karolo mo lenaneong ba ithutile gore fa o tswelela mo dikarolong tse di farologaneng tsa botshelo jwa gago, o tlaabo o ipaakantse botoka go thusa kgotsa go direla ba bangwe.

Mme ka Lenaneo la Bana le Banana, go segofatsa ba bangwe ga go a tshwanela go ema go fitlhelela o ithuta sengwe. Tiro ya go ithuta ka bo yone e neela ditshono tsa go direla.

Lekawana le le bidiwang Prophet yo o nnang kwa Ghana, go dira maikaelelo mo Bana le Banana go ithuta go tshameka piano e ne e le tshimologo fela. “Ke maikaelelo a me le gone go thusa batho ba bangwe go itse se ke se ithutang,” ga bua Prophet.

Le ntswa a ise a nne motlhatlheledi, maikaelelo a gagwe a setse a godile go nna sengwe se segolo go na le se a ikileng a se akanya. Go na le baithuti ba le 50 ba ba tsenang tlelase ya piano kwa ntlong ya bokopano le Prophet. Mme jaanong ke mang yo o rutang Prophet le baithuti bao ba bangwe ba ba 50? Alexander M. le Kelvin M., botlhe ba dingwaga tse 13. “Re batla go supa ditiro tsa bopelontle mo bathong ba bangwe,” ga bua Kelvin.

Malatsi a mararo mo bekeng banana ba babedi ba ruta dithuto tse di botlhokwa tsa piano mahala go botlhe ba ba tlang go ithuta. Go nnile le thuso mo dithutong tsa piano. Baithuti ba le mmalwa ba ba itsisitsweng ka Kereke ka dithuto tsa piano kgabagare ba ithutontsha efangele mme ba tsaya tshwetso ya go kolobediwa.

Jaaka re dira maiteko a go itokafatsa, re ka direla ba bangwe ka go ba laletsa go kopana le rona.

Dikaelo tse di Atlegileng tsa go Direla

Jaaka Poresidente ya Lomapo ya Poraemari, Sabrina Simões Deus Augusto wa Curitiba, Brazil, o bone ka fa karolo ya go itlhabolola ya lenaneo e segofatsang bana le banana mo lomapong la gagwe. Mme le ene o bone ditsela tse dintsi go dirisa se a se ithutileng ka ga go itlhabolola mo thomong ya gagwe jaaka kgaitsadi yo o direlang.

“Fa ke tlhabolola talente,” ga bua Kgaitsadi Augusto, “Ke ka dirisa talente eo go segofatsa mongwe yo ke mo direlang.”

Kgaitsadi Augusto o ne a ruta mongwe wa bokgaitsadi yo a mo direlang ka ga go dira di truffle tsa tshokolete. Kgaitsadi yo o jaanong o dira le go rekisa di truffle go thusa go oketsa letseno la lelwapa la gagwe. “Dikgwedi Morago, Ke ne ka segofala fa kgaitsadi yo mongwe a nthuta go dira borotho jwa tswina jo nka bo rekisang,” ga bua Kgaitsadi Augusto. “Go tlhabolola le go abelana ditalente tsa rona go ka segofatsa matshelo a ba bangwe le go nonotsha botsalano jwa rona jaaka bokgaitsadi ba ba direlang.”

Gatisa